Seemo se a nametsa kwa BMC
26 Apr 2015
Moanamisa mafoko wa matlhabelo a Botswana (Botswana Meat Commission, BMC) Rre Brian Dioka a re seemo sa kgwebo se a nametsa kwa matlhabelong a bone.
Rre Dioka o tlhalositse se bosheng fa BMC e abela batho ba ba amilweng ke merwalela kwa kgaolong ya Ghanzi dibeke tse di fetileng, segolo bogolo kwa D’Kar.
O tlhalositse gore matlhabelo a BMC a ntse a faraferwe ke dikoloto le go lwantsha matlhoko a bolwetse jwa tlhako le molomo ga mmogo le jwa mabele (measles).
Mme o ne a tlhalosa gore le ntswa ba santse ba lwantshana le dikoloto, botsogo bo anametsa. O tlhaloseditse banni ba D’Kar gore dipoelonyana di ntse di a rothegela. A re ntswa gone dikoloto di le dintsi go feta dipoelo, gone mme ga go tshwane.
Rre Dioka o tlhalositse gore tiego ya go duela barui e bakilwe ke leshekere le ba ntseng ba le mogo lone mme a re seemo se a tokafala ka jalo a kopa barua kgomo go ba inela diatla metsing; a tlhalosa gore ka dipoelo tse di rothegelang ba gwetlhega go dira thata segolo bogolo gore ba fefose go duela barua kgomo ba ba saletseng kwa morago.
Mme, o ne a kgothatsa barua kgomo go tlhokomela dikgomo tsa bone mo go tsenweng ke bolwetse jwa mabele. A re BMC e latlhegelwa ke dikadike tsa dipula di le lesome le boferabongwe (P19m) mo ngwageng ka ntata ya go laola bolwetse jwa mabele.
Ka jalo o ne a tsibosa barua kgomo ka pilisi e a reng e fiwa kgomo gabedi fela mo ngwageng. A re pilisi e, e fokotsa dibokwana mo kgomong mme e laola bolwetse jwa mabele.
O tsweletse a tlhalosa a re pilisi e, e ka lopa morui dipula di le masome a marataro (P60) fela ka jaana o tla bo a tlhoka di le pedi mme e le nngwe ele dipula tse masome mararo (P30).
Rre Dioka a re BMC e rotloetsa kgwebo mo thuong ya dikgomo; a tlhalosa gore dipoelo tsa kgomo dia nametsa mme a re le nama ya kgomo e tswang mo kgaolong ya Ghanzi ke ya maemo a ntlha ebile e na le dipoelo tse di nametsang.
BMC e ne ya abela batswa setlhabelo dithini tsa nama go tswa BMC di le 1 800, mme ele tse di tla kgaoganngwang malwapa a le 136 a a amilweng ke merwalela.
Mme Gakeolese Mokere wa komiti ya dibetso tsa tlholego a re di tla fiwa banni ba D’Kar ka jaana ele bone ba amegileng thata. A re tse dingwe di tla abelwa ba metsana ya Grootlagte le Chobokwane.
Fa a latlhela la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Ghanzi, Rre Greg Losibe, o ne a re dithuso tsotlhe tse di gorogang go thusa ba ba wetsweng ke seru sa merwalela ke tomagano ya boeteledipele jwa kgaolo ya Ghanzi. Mme o ne a lebogela thuso ya BMC le go tsibogela kopo ya khansele ka bofefo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GHANZI
Event : Kabo ya dimpho tsa phimolodikeledi
Date : 26 Apr 2015






