Breaking News

Majalwa a mo malwapeng ga a robatse kgosi

26 Apr 2015

Kgosi Brown Tshosa wa kgotla ya Marope kwa Tutume o tlhalositse fa a sa itumedisiwe ke majalwa a a rekisiwang mo malwapeng.

O buile mo potsolotsong fa bontsi jwa batho ba ba rekisang bojalwa mo malwapeng ba sa obamele dinako tsa go rekisa bojalwa.  A re se se rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang mo motseng ka ba tsosa modumo ka diletso tse di lalang di lela masigo. 

Kgosi Tshosa o tlhalositse fa dipalo tsa melato ya go tlhoka tsebe di golela pele mme bontsi jwa melato eo e dirwa batho ba sena go itshiela bojalwa. 

A re banana ka bontsi ba nna fela mo majwaleng ba sa batle go bereka ba tlhabolola matshelo a bone ntswa go na le mananeo a mantsi a a dirilweng ke puso go fokotsa letlhoko la ditiro.

O tlhalositse fa dikereke le tsone di lala di tsositse medumo, mme a re se ga se ka fa molaong a supa fa bontsi jwa dikereke di le fa gare ga motse mme ba tshwanelwa ke go obamela molao.

Go sale foo, Kgosi Tshosa o supile fa bontsi jwa batho ba ngongorega ka gore motse ga o tlhabologe, mme e re fa ba bangwe ba leka go tla ka megopolo ya go tlhabolola motse ba bo ba gana go bereka le bone sentle ba kgala megopolo ya bone go sena mabaka. 

O tsweletse ka go supa fa bontsi jwa batho ba sa tsenelele diphuthego tsa kgotla, a re ko kgotleng ke gone ko go buiwang ditsela tsa go tlhabolola motse le go utlwa ka mananeo a a farologanyeng a go tokafatsa matshelo.

A re o ba kopa go nna le lorato mo motseng wa bone gore fa mongwe a tla ka mogopolo o kgone go atlega batho ba dirisana mmogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 26 Apr 2015