Legal Aid e imolola Batswana merwalo
23 Apr 2015
Legal Aid Botswana (LAB) e ikemiseditse go dira tsotlhe mo thateng ya yone go lekalekanya sekale sa tsamaiso-molao le go ikemela ka nosi mo go mo pontsheng.
Se se builwe ke moemedi go tswa ko lekalaneng la LAB, Mme Lesedi Mooketsi, fa a fa tlhalosa ka lekalana leo mo phuthegong ya kgotla kwa Good Hope ka Mosupologo.
Mme Mooketsi are LAB ke lekalana le le thusang ka ditirelo tsa molao, bogakolodi le bobueledi mo makgotleng a bo mmakasterata, lekgotla legolo la ditsheko, kgotla ya ditsheko tsa khiro, lekgotlana la tsa ditsheko tsa lefatshe, le lekgotla-legolo la boikuelo mabapi le dikgang tsa lelwapa, tsa khiro, ditshenyegelo, le tse dingwe.
Ovne a tlatsa ka gore lekalana le le thusa Batswana botlhe ba ba senang itsholelo ya go ipatlela babueledi, are le fa go ntse jalo, kgang ya moikopedi e tshwanetse gore ebe ele ee ka atlegang,a tlhalosa fa moikopedi a sa letlelelwe go gana tharabololo e e sa batleng tsheko.
A re ditirelo tse di duelelwa ke makgetho a a tswang mo pusong, ka jalo moikopedi ga a tlhoke go duela sepe go bona tshiamelo ya molao.
O tsweletse ka gore le fa di sa lope madi, ditirelo tsa lekalana le, ke tsa boleng jo bo kwa godimo tse Batswana ba di tsisediwang ke babueledi ba ba ikemetseng ka nosi, ka fa tlase ga lekana le le okametseng babueledi (Law Society) le babueledi ba ba direlang mo lekalaneng la Legal Aid Botswana, go sireletsa ditshwanelo tsa motswana le ba lelwapa la gagwe.
Mme Mooketsi one are, e re ka motho mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go tsewa ka tekatekano fa pele ga molao, maikemisetso a lekalana le, ke go tlisa ditirelo tsa molao go botlhe ba ba di tlhokang, mme e bile ditlhwatlhwa ele tse Legal Aid Botswana e ka di kgonang.
One a tlatsa ka gore, mo mathateng a malwapa, LAB e thusa mo dikgannyeng tsa tlhalo, tlhokomelo ya bana, dikgokgontsho tsa mo malwapeng le dikgang tsa boswa, fa mo mathateng a tsa lefatshe, e thusa mo dikgannyeng tsa dikgotlang le ba kabo ya ditsha le dikgang tse di ko lekgotlaneng la tsa selefatshe (Land tribunal).
A re le fa go ntse jalo, ditirelo tsa LAB, ga di akaretse ditsheko tsa borukutlhi (criminal cases), dikgotlhang tsa madi tse di dirwang ke lekgotlana la Small Claims Court, dikgang tsa tse di mo makgotleng a Setswana, go senngwa leina, go tsuululwa sephiri, go dielwa nako ya lenyalo, go thubiwa ga malwapa le dikgang tsa khiro tse di santseng di le ko lekalaneng la tetlanyo la ofisi ya tsa pereko (Prelimitary Industrial Mediation).
Mme Mooketsi a re go ikopela ditirelo tse, moikopedi o tshwanetse go tla ka Omang, dipampiri tse di supang gore o amogela bokae fa ele mmereki, le dipampiri tsotlhe fela tse di amanang le kgang e e tlhokang ditirelo tsa LAB, jaaka ditlankana tsa lenyalo, matsalo a bana, ditumalano kgotsa dikonteraka tse di kwadilweng fa di le teng, le dipampiri dipe fela tsa molao.
Are moikopedi o a tlhatlhobiwa go seka seka fa ele motswana yoo lebaganweng ke ditirelo tse, mme seo se dirwa ka go botsolotsa ka fa a itshetsang ka teng le gore o na le dithoto tsa boleng jo bo kae. Are seno ke yone tshekatsheko ya itsholelo (Means Test).
O tsweletse ka gore modiredi wa LAB o nitamisa itsholelo ya moikopedi ka go tlhakanya letseno la gagwe la madi la kgwedi le kgwedi jaaka dituelo tsa khiro, madi a dikatso le diphokoletso, madi a matlo a khiriso le dipeeletso le dipolokelo.
O ne are go akarediwa le dithoto tse di amang lefatshe, go sa akarediwe dikadimo tsa go tlhabolola lefatshe la go nna jalo (bond), leruo le dithoto tse dingwe tsa boleng jaaka dikoloi.
Mme Mooketsi are go tswa mo kanokong e, go tla lebelelwa le dituelo tsa kgwedi le kgwedi tse o tlamegang go di duela jaaka lekgetho la dituelo, dituelo tsa dikolo tsa puso, lenaneo la dituelo tsa bongaka le bogodi, rente le tse dingwe.
O ne a tlatsa ka gore maikaelelo a letsatsi leo ene ele go tsibosa le go itsise Batswana ka bolenteng jwa lekalana la LAB, le ditirelo tse ba ka di fang Batswana.
Mo potsolosong le lekalana la BOPA, Kgosi-kgolo wa Barolong Kgosi Lotlaamoreng II, are ere ntswa a ntse a dirisana le lekalana le, go ne gole maleba gore LAB e ba etele ka gore bontsi jwa batho ba ntse ba sena kitso ka lone le ditirelo tsa lone.
O ne are go na le dikgetsi tse ba di amogelang babo ba di rarabolola mo lekgotleng la Setswana, a re mme le fa go ntse jalo go na le tse ba sa kgoneng go di rarabolola jaaka fa mongwe wa bobedi jo bo sekang a na le bokgoni jwa go ituelela mmueledi fa yo mongwe ene asa kgone. Are fa go ntse jalo, ba fetisetsa kgetsi ya go nna jalo kwa LAB gore e thuse yo o senang mmueledi.
Kgosi Lotlaamoreng II are ba amogela dikgetsi dingwe tsa borukutlhi jaaka tsa bogodu le dititeo, mme tse ditona jaaka petelelo, polao le go kgothosa ka dikgoka ele tse di fetileng dithata tsa bone.
O ne a tlatsa ka gore, gantsi ba lebelela bokete jwa kgetsi e e gorogang kwa kgotleng mme ba e sekaseke gore a ke ee ba lekaneng kana nyaa.
Fa a tswa la gagwe, Mothusa molaodi wa Goodhope Rre Innocent Maotwe, one are o itumelela bokopano jwa letsatsi leo, a re bo tsamaile ka thelelo.
One are dithuto tsa letsatsi leo di ne di le maleba ka gore ditirelo tsa semolao di botlhokwa mo matshelong a batho a letsatsi le letsatsi.
Rre Maotwe one a gakolola Batswana gore ba dirise ditirelo tsa Legal Aid Botswana, mme ba di dirise ka kelelelo gape ba di somarele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dineo Modikele
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotlae
Date : 23 Apr 2015






