Maiteko a go koba ditlou a tsweletse
23 Apr 2015
Mogolwane mo lephataneng la diphologolo kwa Serowe, Rre Thatayaone Tshekiso, a re maiteko a go koba ditlou tse di kwa Tshethong le Mokgware mo kgaolong ya Serowe Borwa a tsweletse.
Fa a tsibogela matshwenyego a tona ya merero le tirisano mmogo ya mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi kwa phuthegong ya kgotla kwa Motshegaletau ka Labobedi , a gore ditlou tseo di borai mo baaging ba koo, ka basa tlwaele go tshela le ditlou.
Dr Venson-Moitoi a re tsholofelo ya gagwe ke gore ditlou di nne kwa mafelong a tlhomilweng gore di nne teng.
Rre Tshekiso a re ntswa maiteko a o a tsweletse ga a kake a solofetsa gore batla bo ba kgonne go ntsha ditlou tseo mo kgaolong eo leng, ka tlou e le phologolo e e batlang go nenekediwa go itsa gore eseka ya tenega, ka jalo ba leka go di koba ka bonya ka bonya.
Rre Tshekiso o ne gape a tlhalosa fa mo Botswana mokgwa wa go fudusa ditlou ele go di koba fela .
A gatelela gore ditlou di tshwanetse go kobiwa ka mokgwa o o rileng, go sireletsa matshelo a batho ba ba mo kgaolong eo ka di ka nna borai fa di ka tenega, atlatsa ka gore ele lephata le bone ga ba kake ba di boloya ka maitlamo a bone ele go somarela diphologolo.
O ne a tlhalosa fa ba seke ba dirisa sefofane sa thoothomo ka ditlou dile mo lefelong la batho ka di ka kopana le batho le go kgaola ditereata tsa masimo mo thulaganyong fa ba ka dirisa mokga oo.
Rre Tshekiso o tlhalositse fa ditlou di okiwa ke metsi a mo matamong,jalo a supa gore fa metsi a ka kgala di ka fuduga. Mo potsolotsong morago ga phuthego,nRre Tshekiso o tlhalositse fa ditlou tse di utlwalelwang kwa masimong a Tshethong le Mokgware di nwa kwa letamong la Mamenalegwete.
A re mo nakong eno ba ntshitse mophato gore ba sekaseke gore ditlou tseo di kae ka palo ebile gore boremelelo jwa jone ke fa kae.
“ Mo nakong eno bangwe ba balemi barui ba kaya fa ditlou tseo dile tlhano fa bangwe ba re di supa”A tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotlae
Date : 23 Apr 2015






