Ba Phephenyane ba lela ka ditsha
23 Apr 2015
Banni ba metse ya Shoshong le tikologo ba ba abetsweng ditsha tsa dikgwebo kwa kgaolong ya Phephenyane ba itela ka go tlhoka go bona dithuso sentle kwa lephateng la kabo ditsha.
Banni ba ntshitse ngongora eo mo puisanong ya bone le mopalamente wa kgaolo ya bone Rre Philip Makgalemele mo phuthegong ka mafelo a beke.
Go ya ka banni bao, ba bangwe ba bone ba saleg ba abelwa ditsha tsa dikgwebo ka ngwaga wa 2013 ba supile fa go tlhoka go tlhabolola dikgwebo tseo ga bone e leng go tlhoka kitso gore di fa kae kaba ise ba di bontshiwe.
Mongwe waba tsena phuthego eo, Rre Ofentse Garemmogo o kaile fa a sale a beilwe setsha seo ka ngwaga 2013ga a ise a bo a se bontshiwe. Rre Garemmogo a re e rile ngwaga o o fetileng ke gone b abo ba mo kopa go tla go se saenela mme go tswa foo b abo ba didimalela ruri.
Fa a mo tlatsa Rre Joel Mosweu o kaile fa le ene a sale a bewa setsha seo bogologolo mme a sa itse fa se teng. Rre Mosweu a re go lo mo go dira gore ba seka ba tlhabolola ka bonako go dira tse ba eletsang go di dira mo ditsheng tseo.
E ntse ele ka ga lephata la kabo ditsha, bangwe ba kaile fa ba abeilwe mo setsheng sele sengwe ntswa ba le babedi fa bangwe ba tlhakanetse mekono. Banni ba tlhalositse fa se se ba jetsetse ba mo kgwebedung ka e bile go lebega lephata le le sa ithulaganya sentle mme ba itlhaganetse go ba abele ditsha fela.
Ba kaile fa se ba beile ka fa mopsing ka go bob a tshwere makwalo fela a gore ban a le ditsha mme ntswa bas a itse kwa di teng. Mo go tse dingwe, Mme Balidzi Keakile otlhaloseditse mothusa tona gore mo gongwe sebe segolo go tlhoka go tlhabolola ditsha tseo ke letlhoko la ditsela, metsi le motlakse.
Mme Keakile a re ditsha tseo di beilwe fela mo sekgweng mo bas a itseng gore b aka dira jang go ditlhabolola ka go sena bogolo tsone ditsela tse di tsamaelang koo.
O tlhalositse fa e bile go gokela motlakase gone go le turu fela thata ka ba batla madi a a ka tshwarang dikete tse di lekgolo ntswa ba ise ba simolole le gone go dira dikgwebo tsa bone.
Fa a tswa la gagwe, Rre Makgalemele o ne a supa fa a itumeletse go kopna le bone go bona gore b aka tswa ba emisitswe ke eng go tlhoka go ditlhabololo ditsha tseo tsa bone tsa dikgwebo.
Rre Makgalemele a re o lemogile fa aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi go tlhoka go tlhabolola ditsha tseo di tshwana metsi, ditsela le motlakase mme ka jalo a tsile go ikopanya le maphata ao go bona gore b aka fefoa jang ditirelo tseo mo kgaolong ya bone.
A re mme mo go ya motlakase yone tona wa lephata leo o kaile fa a tsile go oketa kgokelo ya motlhakase mo kgaolong ya Shoshong mme a ba kopa go sa fele pelo.
A re ele ba kgaolong ya Shoshong ba dira ka gotlhe go bona gore ba ngokela dikgwebo mo kgaolong ya bone go leka ka fokotsa letlhoko la ditiro ga mmogol go tlhabolola kgaolo ya bone.
O tlhalositse fa gonale komiti e e ikaeletseng gobona gore e rotloetsa banni ba kgaolo go tsena mo dikgwebong mme ka jalo a kopa banni ba o go ema ka dinao go bona gore ba simolodisa dikgwebo ka e bile bone ba le sego ba abetswe ditsha.
Rre Makgalemele o ne gape a tlhalosa fa puso le yone e rotloetsa thata Batswana go itshimolela ditiro go ka go rotloetsa botlhe ba ab nang le dikeletso le natal ya go ka simolodisa dikgwebo go dira jalo.
A re puso gape ke ka moo e ntshitseng mananeo a nyeletso lehuma go leka go thusa botlhe ba ba aparetsweng ke lehuma ka gongwe le bone ba ka thus aba bangwe fa b aka simolodisa dikgwebo.
A re mo kgaolong ya gagwe gape ba inaakantse le ba mafatshe a mangwe go ithuta mo go bone ditsela dingwe tsa dikgwebo, a a fa sekai ka gore go na le bomme bangwe go tswa mo kgaolong ya bone ba ab ileng kwa lefatsheng la India go ya gop ithuta go fetlha motlakase wa letsatsi.
Le fa go ntse jalo Rre Makgalemele o ne a itumela fela thata go bo banni bao bat sile ka dipalo tse di nametseng go tla go kopana le ene, mme a ba solofetsa gore e tlaa re kgwedi e e tlang e ise e fele a bo a ba bidistse gape le bo tona a maphata a ba nang le dikgwetlho le one go tla go ba buisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya mopalamente le morafe
Date : 23 Apr 2015






