Breaking News

Bana ba tshwanetse go babalelwa

23 Apr 2015

E rile bosheng mopalamente wa Thamaga-Kumakwane, Rre Tshenolo Mabeo, a le mo leetong la go lekola kgaolo ya gagwe, a bua ka botlhokwa jwa go sireletsa bana fa a buisa phuthego kwa Mosokotso.

Mopalamente Mabeo yo o neng a patilwe ke mokhanselara wa kgaolo Mme Kruger o buile gore bana ba tshwanetse go babalelwa ba sirelediwa ka e le bone ba tsogang ba eteletse pele lefatshe la Botswana. Mopalamente o ne a bua se tebang le tiragalo e e diragetseng bosheng kwa motseng wa Mosokotso, fa mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome a ne a thubediwa a bo a bolawa.

O tsweletse a tlhalosa gore ditlamelo e leng dikolo di tshwanetse di atumele bana, ka ba tshwanelwa ke go kubuga ba bo ba bowa nako e setse e tsamaile se jaanong e nnang borai ja gore ba lalelwe ke dirukutlhi mo nageng. E re ntswa ditlamelo e ka seke e nne selo sa ponyo ya leitlho, bana ba motse wa Mosokotso ba tsena sekolo mo Molepolole mo nako e ntsi ba tsamayang ka dinao ka go sena dipalangwa.

Mabapi le seemo se mopalamente Mabeo o kopile batsadi go ithulaganya go bona gore gore bana ba ka babalelwa jang fa ba ya sekoleng, nngwe tsela e le gore batsadi ba ba buledise, kgotsa bana ba tsamae e le digongwana go ya sekoleng.

Mopalamente o ne a kopa setshaba go tshwaragana go thusa mo patlong ya mongwe yo o sa bonweng kwa Kotolaname, a kopa le ba sepodise go tlhatlosa dinao ka ba lelwapa ga mmogo le setshaba ba tlhoka ditlhaloso.

Mopalamente o ne a tshwaela fa a itemogela fa motse wa Mosokotso o tseweletse ka go gola, jalo e tlaa re mo tsamaong ya nako o bo o tlhomamisiwa ka fa molaong, le ditlamelo di tsisitswe gaufi le banni. O ne a tshwaela fa go tlaa tshwanela go nna le ditlankana tsa malwapa le masimo, a gakolola le gore go seka ga letlelelwa bo-maipaafela mo motseng.

O ne a tshwaela gape fa palo ya batho le yone e tlhoka go bewa semmuso ka kgosi yoo e tlaa nna maikarabelo a gagwe gore fa dikgotlhang di tsoga mo motseng oa letlanya.
E rile a lekodisa morafe ka tsa kwa palamenteng, a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go atswa ba-na-le bogole ba ba sa kgoneng go itirela gotlhele, o rile ba tlaa atswiwa ka makgolo a a ka tshwarang boraro a dipula.

Mopalamente Mabeo o tlhalositse fa karata ya bagodi (Poso Card) e setse e ikwadisediwa, a tlhalosa fa tiriso ya yone e tlaa fefosa tiro le go fokotsa mosuke ka nako ya dikamogelo tsa bagodi mo diposong. O buile gape gore karata e e ka dirisiwa mo posong nngwe le nngwe mo lefatsheng la Botswana. Mopalamente o gakolotse gore bagodi ba ikwadisetse karata e.

Go tlhalositswe gape le ka lenaneo la Young Farmers Fund gore jaanong le atolositswe gore monana mongwe le mongwe yoo batlang go dira kgwebo,lefa e se ya go lema le go ruwa o ka thusiwa ka lenaneo le.

Tebang le se, mopalamente o ne a gakolola banana go lesa go nnela Ipelegeng, e eleng ya bagolo,jalo ba bule dikgwebo ba thuse go tsholetsa itsholelo.

E rile fa ba nna le sebaka sa go ikuela mo go tona, mongwe wa banni ba motse, Rre Jabulani Mokachela, a tlhalosa fa ba sokola go bona metsi ntswa go na le sediba se se phuntsweng mo motseng, se tlhoka fela go gokelwa. Mopalamente Mabeo o ne a kopa molaodi wa kgaolo Mme Lekwape go ya go kopela banni thuso ka kgokelo ya sediba, kwa go tshwanetseng.

Yo mongwe gape e le monni wa motse Rre Tuelo Kelaetse, o ne a ngongorega ka go bewa ga ditsha mo go diegang, a re go tokafadiwe. E rile a mo kgwa dikgaba, tona a tlhalosa fa bonya bo bakwa ke go dira dilo ka thulaganyo, a re ditsha di a segwa di bo di tlhatlhobiwa pele di ka abiwa.

Rre Kgomotso e le mongwe wa banni ene o ne a lela ka go tseelwa masimo a bo a atswiwa ka madi, a tlhalosa fa tshimo e ka tshetsa mong wa yone go na le madi ka one a fela. Tona o ne a tshwaela ka gore lefatshe le tsewa mogo mong wa lone ka therisanyo, jalo mong o tshwanetse go nna le thulaganyo ee nitameng ya go dirisa madi mogo tlaa mo tswelang mosola.
Mmme Keletso Lebakeng wa ofisi ya banana kwa Thamaga, o ne a gakolola banana ba ba neng ba tsene phuthego go iketleetsa ba tsaya madi ba bula kgwebo.

O ne a kopa batsadi ba bana go dirisanya le bana ba bone, ka go ba thusa ka lefatshe go bula dikgwebo. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Thandie Keitumetse

Location : Mosokotso

Event : Phuthego

Date : 23 Apr 2015