Breaking News

Moretlwa o lelela lekolwane

23 Apr 2015

Lekgotla la ditsheko la Setswana la Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba le pegile lekawana lengwe dithupa tse thataro mo maragong ka molato wa bogodu.

Lekolwane leo, Thato Moeng wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone wa kgotlana ya Gulubane kwa Tati Siding, o ne a pegwa dithupa tseo a sena go bonwa molato wa go utswa ditlhako di le tharo mo lelwapeng lengwe gone kwa Tati Siding.

Go boletswe fa mosekisiwa yoo, yo o direlang khamphani ya China Railway e e atolosang tsela ya Tonota-Francistown, a ne a bonwa ke bangwe fa a ne a tlhagela mo lelwapeng leo.

Ba ile ba belaela lomepe, ka jalo ba begela mapodise ka tiragalo eo, mme mosekisiwa o ne a fitlhelwa ka tse pedi mme tsa boraro a setse a di rekiseditse mongwe.

Mosekisiwa o ne a ipona molato mme a kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko, a supa fa kgolegelo e ka mmaya ka fa mosing ka a ka latlhegelwa ke tiro e bile a tlhokomela ngwana wa gagwe wa dikgwedi tse di lesome le borobabobedi gammogo le ba lelwapa la gagwe.

Fa a ntsha katlholo, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding yo o neng a reeditse tsheko eo o ne a supa fa molato o o dirilweng ke mosekisiwa o ka baka gore a dise poo lobaka lwa dingwaga tse tharo, a re fela o ne a tsaya tsia boikuelo jwa gagwe le gore ke modira molato wa ntlha.

Ditlhako tseo di ne tsa tsisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla le ne la laela gore di busediwe mong wa tsone. Gontse go le foo, Kgosi Nkgageng o ne a gakolola batho kgatlhanong le go reka dilwana tsa bogodu, a re seo se ka felela se ba tsentse mo mathateng a a ka bakang gore ba tseelwe dikgato tse di maleba.

O ne a rotloetsa batho go dira dipatlisiso tse di tseneletseng pele ba reka sengwe mo mongweng go tlhomamisa gore a ke sa morekisi tota, a re mme fa ba na le dipelaelo dingwe ba tshwanetse ba begela ba ba maleba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Tati Siding

Event : Tsheko

Date : 23 Apr 2015