Bogodu jwa leruo le dikoloi bo bepile
23 Apr 2015
Bogodu jwa loruo le dikoloi jo bo neng bo apesitse banni ba motse wa Pitsane kobo ka letshoba bo wetse tlase.
Kgosi Moses Leshomo wa Pitsane, o buile mo potsolotsong gore bogodu jwa leruo bo ne bo le kwa godimo thata ka jaana magodu a ne a tlodisa leruo loo ba kgaola terata ya molelwane kwa motseng wa Tlhareseleele.
Kgosi Leshomo o tlhalositse fa go ne ga okediwa mapodise kwa motseng ga ba ga bewa masole kwa terateng eo mme ga dira gore seemo se ritibale, mme le fa go ntse jalo a re go botoka fela thata a tlatsa ka gore ba dirisanya thata le mapodise mo dikgannyeng tse.
Mogolwane wa mapodise a e seng a seaparo (CID) kwa Ramatlabama Rre Moses Temogo a re go ne ga utswiwa dikoloi di le pedi bosigo beng ba tsone ba robetse mo ngwageng o o fetileng mo Pitsane .
Dikoloi tseo tsa modiro wa Runx le Mazda 3, le tsone go kgaotswe terata kwa Tlhareseleele gore di tlodisediwe kwa Africa Borwa. Rre Temogo a re fa e sale ba dira dikganedi tsa tsela mo kgaolong kwa Metlojane le mo Pitsane, jaanong seemo se ritibetse.
A re ga ba ise ba tshware ope mabapi le bogodu jo jwa dikoloi, mme a re go belaesega gore magodu ao a ka tswa a dirisanya le bangwe mo lefatsheng leno. E re dikgang di eme jalo Rre Temogo a re e ne ya re ka Matlhatso a kgwedi ya Moranang e simologa, masole a a sireleditseng molelwane wa Botswana le Aferika Borwa, kwa Tlhareseleele ba ne ba bona koloi ya ‘taxi’ e a reng e ne e utswilwe.
O tlhalositse fa magodu ao go bolelwa a ne a bofa mong wa taxi eo mabogo kwa Mochudi kwa ba neng ba e hirisitse teng mme ba tlogela mokgweetsi wa yone kwa Mochudi go siela ka yone kwa Tlhareseleele.
Taxi eo, Rre Temogo o ne a tlhalosa fa mong wa yone a ne a bonwa mme o ne a tla go tsaya koloi ya gagwe ka letsatsi le le latelang. Mokhanselara wa Pitsane Rre Lazarus Ncube o lebogetse bonatla ja mapodise. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 23 Apr 2015






