Breaking News

Ba Ghanzi ba kopiwa go inaakanya le mananeo

22 Apr 2015

Modulasetilo wa khansele ya Ghanz, Rre Thato Tshweneyagae, o kopile banni ba metse mengwe mo kgaolong ya Ghanzi go inaakanya le mananeo a puso gore bakgone go itshetsa ka one le go thamela Batswana ba bangwe ditiro.

Modulasetilo o buile mafoko a o fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Makunda, Charleshill, Newkanagas le Karakubis bosheng. Rre Tshweneyagae a re go botlhokwa gore Batswana ba eme ka dinao go tsaya mananeo a puso gore atle a baswele molemo.

Modulasetilo o boleletse banni bao gore waitse gore fa ba kopa mananeo go tsaya lobaka basa bone dikarabo, mme fela ga batshwanela go etlhoboga ka gore gotsaya lobaka ba sa bone phetolo ya bone.

Rre Tshweneyagae a re fa o batla selo ga wa tshwanela go e tlhoboga ka bonako o tshwanetse gonna pelo telele go fitlhela o bona phetolo ya gago, A re bontsi jwa batho bangala babo ba tlogela. A re Puso e ntshitse mananeo ao gotla go thusa Batswana.

Modulasetilo oboleletse banni bao gore morago ga ditlhopo Tautona one akopa dikhansele gothamela Batswana ba ba ko magaeng ditiro le go nyeletsa lehuma.a re Tautona one akopa dikhansele gore dithendera tse ditswang mo dikhanseleng ditshwanetse gonnelwa beng gae pele ga dinnelwa Batswana ba batswa kwantle ga motse oo

Rre Tshweneyagae okopile badirelapuso go diragatsa kopo ya ga Tautona ka jaana ena lemosola thata mo matshelong mo batswanang ba banna kgakala le ditoropo.a re beng gae ga bakanewa dithata tsa go nnewa dithendara tsa Khansele letlhoko la ditiro le tla fokotsega le lone lehuma.

Modulasetilo ongongoregile thata ka maduo a Kgaolo ya Ghanzi gore a a kwatlase fela thata a re go simolola ka dikolo tse dipotlana goya ko dikolong se setona. A re gowela tlase ga maduo go supa fa batsadi le barutabana ba sa tshwaragana.

Rre Tshweneyagae one a rotloetsa batsadi go ema kadinao go dirisana le barutabana nako le nako ga ba tlhoka thuso ya batsadi gore maduo a bana ba bone a kgone gonna mo seemong se ba setlhokang.

A re ka paakanyo ya dikolo tse disenyegileng Khansele ya Kgaolo ya Ghanzi e beele fa thoko madi a kana ka P6million go bona gore ba ka simolola fa kae pele mo ditlhabololo tse di tlhokang go bakangwa.

Modulasetilo a re madi ao amanye ga ana golekanya tsotlhe tse disenyegileng mme batla leka gobona gore ba simolole kaeng pele se se botlhokwa mo matsheolng a Batswana.
Modulasetilo o kopile banni ba metse eo go tsaya lenaneo la SHHA gore bakgone gonna le bonno jo siameng.a re madi a SHHA ao keditswe gotswa mogo P60 000 00 goya ko go P90.000.00 fa a go tlhabolola ntlo a okeditswe gotswa mo go P45.00.00 go ya kogo P60.000.00.

A re ke yone nako ya gore ba eme ka dinao ba tsenye dikopo tsa bone gore bakgone go agelwe matlo a tlhabologileng.
Erile Mothusa Modulasetilo Rre Greg Losibe antsha lagagwe a kopa banni ba Metse eo go gweba ka ditso tsa metse ya bone, a batlhalosetsa fa ngwao le yone ba ka gweba ka yone.

Mothusa Modulasetilo okopile banni ba metse eo gore baseka ba baya sengwe le sengwe mo pusong a re gona le gore fa ole mosadi otlhasetswe bangwe a re madi ao otla kgona go itshitsa ka one.

Erile banni ba Metse eo baakgela ba lela ka tiego ya mananeo a puso gore fa ba kopile mananeo gonna le tiego entsi thata mo godirang gore motho fa a kopile mananeo ao a e tlhoboge.

Banni bao ba boleletse modulasetilo gore mananeo a teng mathata a tlhoka badiragatse. Ba boleletse modulasetilo fa Puso e ntshitse mananeo gore Batswana ba itshitse ka one jaanong mathata ke ditiego tse di dirwang ke badirelapuso.

Banni bao bane balela gape ka matlhabelo a Lobatse fa a sa baduele sentle fa a sena goreka dikgomo tsa bone go tsaya lobaka gore ba bone dituelo tsa bone.
Banni bao bane ba lebogela gore Khansele e ba direle ditiro ka gore gantsi o tla bona batho ba batswa kwa metseng ya bone ele bone ba ba phakisang dijo tsa dikhutshane mo metseng, ntswa gona le di mauso tse ditshwanetseng go phakisa.

Erile Modulasetilo a raba dilelo tsa bone a ba tlhalosetsa fa a tla kopana le Maphata a lebaganyeng le mathata a bone. mme fela a bakopa gore batswelele ka gokopa mananeo a puso ka ele one fela aka ba thusang go tlhabolola matshelo a bone.

Modulasetilo a re mabapi le matlhabelo a Lobatse o lekele go bua le bone mme gobo nala fa matlhabelo a santse a sena madi ,mme legale o boleletse banni bao fa Tona wa lephata la Temo Thuo atla simolola tiro ka 20 tsa Moranang ka jalo barui batla tla bona karabo e e saimeng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Phuthego tsa kgotla

Date : 22 Apr 2015