Tsayang boikarabelo - Makgalemele
22 Apr 2015
Banana ba kgaolo ya Shoshong ba rotloeditswe go emela kgaolo ya bone ka dinao go etelela pele mo ditirong tsa metse ya bone go bona gore ba tlisa ditlhabololo ka go dirisa mananeo a puso a banana go tlhama ditiro le go nyeletsa lehuma.
Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo eo yo e bileng ele mothusa tona wa tsa merero ya ofisi ya ga tauutona le bodirelapuso Rre Philip Makgalemele kwa metseng ya Mmutlane, Shoshong le Otse mo kgaolong ya Shoshong kwa Mmutlane bosheng.
Rre Makgalemele o ne a ba rotloetsa go tsaya boikarabelo mo go eteleleng pele mo metseng ya bone go tlisa mananeo a a ka fetolang matshelo a bone. Phuthego eo, ya setlhogo se se reng,” Banana ba eteletse pele go tlhama ditiro le go nyeletsa lehuma’’ Rre Makgalemela a re o ntshitse setlhogo seo a lebeletse mabaka a mantsi jaaka go tsaya boikarabelo go fenya lehuma, ka ba itekanetse e bile ba le malatsi mantsi ba santse ba ka dira.
A re puso e dirile mananeo a mantsi, mme ka banana ke baeteledipele mo go tsotlhe le dikgwebo a ba ititee sehuba go tsoga ba tsholeditse itsholelo ya metse ya bone le gore ba seka ba tsena mo dikgannyeng tsa mapolotiki ba tlhwaafalele go bona metse ya bone e tswelela pele.
Rre Makgalemela o ba gakolotse gore go dirisa mananeo ka ditlhopha go mosola thata mo go bone le go nna pelotelele. O ba rotloeditse go thama dikoporase le tsa temo. A re ba ka lema merogo ka go farologana, thuo ya dikoko tsa setswana le dihutshane dinotshi ka tsina e tlhaela, ba sa leme dijwalo tse di tshwanang ba rekisetse dikolo le madirelo a matona mme ba ka thapa banana le botsadi mo metseng ya bone.
A re ke mananeo a mantsi a banana ba ka tlhabololang metse ya bone jaaka Bojanala tsa dikago le tsa borenyane go rekisa didirisiwa tsa jone jaaka computer, printer le tse dingwe, a re tsa borenyane di abetswe P895 million mme go tlhoka fela banana go ikopanya go dira kgwebo.
A re mananeo ao banana ba a rutuntshiwa mme ba fiwe ditankana tse ka tsone ba di dirisang go kopa madi. A re mmaraka o teng mo Botswana le mo mafatsheng a mangwe. A re ba tshwanetse go abelwa lefatshe. A re ba tloga ba simolola go dira ditshupo motse le motse mo kgaolong ya bone go rekisa metse ya bone mo bo gaufing.
O ba kopile go thama lekgotla le ka lone mo metseng ya bone ba ka isang dikgwetlho tsa bone mo maphateng ka lentswe le le ngwefela, ka seo se ka rarabolola dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le banana.
O ba lekodisitse ka lenaneo la tirelo sechaba ya baithaopi badialogane ba ba sa yang internship, seo e le go ba thusa gore fa ba ya mo maphatengng a ba ithaopileng go ithuta ditiro mo go one ba kgone go ithusa jaaka go palama le tse dingwe.
Rre Makgalemela a re go ithaopa moo go ba tswela mosola ka ba anya dikitso tsa ditiro mme e bile ga ba tlhole mo malapeng, a re ba wetsa tiro motshegare fa go iwa dijong gore ba ye go tswelela le go ikopela mananeo.
Badirela puso ka go farologana ga maphata ba ne ba tlhatlhelela banana ka tsamaiso ya go ikopela mananeo, mogokgo wa sekolo se segolwane sa Shoshong o ne a kgotlhatsa banana gore mo sekolong sa gagwe ba reka morogo fela o montsintsi, nama ya koko maungo le tse dingwe mme fa ba ikopantse diphatlha tsa itshetso di dintsi.
Ba gakolotswe gore fa ba kopa ditsha ba ise ba di bone batsadi ba ka ba adima mafelo a bone go tsweledisa ma direlo a bone mme go tlhokega lekwalo go tswa mo botsading. Mo go tsa thuto ba boleletswe gore jaanong ditankana tse ba neng ba sa di neelwe kwa dikweleng gotwe ba a kolota puso e laotse gore ba di neelwe ka go kolota botsadi e se molato wa bone.
Badikoporase ba ba rotloeditse go ikopanya go dira dikoporase ka ba a rutuntshiwa, go dupiwa tiro ya bone bantse ba tsweletse le ditiro faba setse ba filwe madi ba rutuntshiwa le go tlhatlhobiwa. Ba motlobo wa dibuka ba rotloeditse banana gore kitso ke boswa jo o sa bo tseelweng ke ope mme ba tle mo go bone go ithuta dibalamakgolo ka gompieno go tshelelwa mo go diriseng maranyane. Ba ofisi ya banana ba itsisitse banana gore fomo e ba reng e thata bat le mo ofising go tla go thusiwa
Banana ba ne ba bua dikgwetlho tse ba kopanang natso mo maphateng ka go farologana, mme mopalamente a ba kgotlhatsa go tlhama lekgotla la mo metseng ka ke lone le ka arabang dikgwetlho tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesego Kelediyakgotla
Location : Shoshong
Event : Phuthego tsa kgotla
Date : 22 Apr 2015






