Badiri ba akgolelwa go dira ka natla
22 Apr 2015
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, o akgoletse badirelapuso ba kgaolo potlana ya Mahalapye go bereka ka mashetla le botswapelo mo go rotloetseng Batswana go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone.
Mme Tshireletso o rile lefa gona le Batswana bangwe ba ba gogang dinao go dirisa mananeo a diretsweng go tokafatsa matshelo a Batswana, o itumedisiwa ke gore mo kgaolong ya gagwe batho ka bontsi ba kgonne go rekelwa dihutshane,ditante tsa manyalo le dikoko tse go bolelwang bontsi jwa tsone di laitswe ke bolwetse jwa leroborobo.
O boleletse badirelapuso bao mo bokhutlong jwa loeto la gagwe le mo go lone a neng a tlhalosetsa batlhophi ba kgaolo ya Mahalapye Botlhaba ka megopolo e buisantsweng mo palamenteng e fetileng gammogo le go ba lekodisa ka kgaoganyo madi a setshaba gore ele baeteledipele ba setshaba ba tshwanetswe ke go phophotlha badirelapuso magetla fa ba direla setshaba ka botswerere.
Mme Tshireletso yo e bileng ele mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o boletse fa ele boikarabelo jwa badirelapuso go tlhalosetsa setshaba ka mananeo a puso, go tshwara batho sentle mo madirelong a ba direlang mo go one le go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba ka go dira jalo go k aba diga setiri le go latlhegelwa ke tiro.
A re ele badirelapuso ba tshwanetse go tsena diphuthego tsa matona a puso, mapalamente le tsa makhanselara go thusa mo go arabeng dipotso tse di amang maphata a bone le go tlhalosetsa setshaba ka melawana le mananeo a puso,mme a bolela fa ba sa tshwanela go itshunya nko mo dipolotiking.
Mme Tshireletso o rile lefa a itumelela kafa badirelapuso ba dirang sentle ka teng mo ditirong tsa bone o tshwenngwa ke dikgang tsa go tlhoka go tshwara balwetse sentle kwa kokelwaneng ya Palla-road, go rontsha mogodi mongwe kwa motsing wa Shakwe tshwanelo ya go amogela madi a bogodi ga badiri ba poso ya Mahalapye le kgang ya go busetswa kwa magaeng kgwedi le kgwedi ga baithuti ba sekole se se golwane sa Dikgatlho Community Junior Secondary.
E rile Mogolwane wa Poso ya Mahalapye Mme Chandapiwa Olefile a botsolotswa ke ba lekalana la dikgang la mabapi le go tlhoka go duelwa ga mogodi mongwe kwa motseng wa Shakwe, a bolela fa ele boammaruri bana le kgwedi tse tharo ba sa duele Mme yoo ntateng ya gore one a ise a nne le karata e dirisiwang gompieno go amogela gompieno, mme a solofetsa fa ba tla baakanya phoso eo mo nakong e khutshwane.
Mogokgo wa sekole sa Dikgatlho Community Junior Secondary Mme Judith Bartlett o tlhalositse kgang e buiwang ke batsadi ba Makwate, Shakwe le Taupye ya go busetswa ga bana kwa magaeng kgwedi le kgwedi ele kgang e kopakopanyeng le sepolotiki mo e bileng a setse a ikuetse kwa ofising yaga molaodi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 22 Apr 2015






