Banni ba Palapye ba amogela kgosi
22 Apr 2015
Banni ba motse wa Palapye ba amogetse mogopolo wa gore Kgosi Masego Olebile yo e neng e le mothusa kgosi wa Palapye pele ga leso la ga Kgosi Raditanka Ntebele a tlhatlosiwe maemo go nna kgosi wa bone.
Ba ne gape ba dumalana le mogopolo wa gore Rre Michael Maforaga a tsene mo maemong a a neng a tshwerwe ke Kgosi Olebile go nna mothusa kgosi.
Ba amogetse mogopolo oo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa kgotleng kgolo ya Palapye ka Laboraro.
Ba boletse fa ba itumelela tshwetso e e tserweng ke motshwarelela bogosi jwa ga mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane ka e le maleba. Ba supile fa Kgosi Olebile a le pelotelele ebile a le boikobo mme go le maleba gore a ba etelele pele.
Fa ba bua ka Rre Maforaga ba boletse fa ba na le tshepo e e tletseng mo go ene ya gore o itse ditsamaiso tsotlhe tse di tshwanetseng ka e ntse e le mogakolodi mo kgotleng ya bone.
Ba ne ba tlatsa ka gore Rre Maforaga o diretse puso ka sebaka se seleele a dira mo dikhanseleng a bo a dira e le molaodi ka jalo o nonofetse go nna mothusa kgosi.
Bangwe ba ba neng ba ntsha dikakgelo kwa phuthegong eo Rre Galefele Matsapa, Mme Tsetsa Mpe le Rre Iponeng Motsumi ba ne ba bolela fa ba amogela mogopolo oo ka ba bogosi kwa Serowe ba supile fa e le batsadi.
Ba boletse fa ba sale ba nnile masiela fa esale Kgosi Raditanka Ntebele a tlhokafala ka kgwedi ya Ngwanaatsele ngwaga o o fetileng mme ba tletse boitumelo ka Kgosi Olebile a tlhatlositswe maemo.
E ne e rile go le pele Kgosi Elijah Makgoeng a itsise banni fa a romilwe ke Kgosi Sediegeng Kgamane go tla go itsise banni ka kakanyetso ya ga Kgosi Kgamane ya go tlhatlosa Kgosi Olebile maemo.
O boletse fa go le sebaka se seleele Kgosi Olebile a sena yo o thusanyang le ene mme go tlhokana le gore a nne teng. O ne a itsise morafe fa kgosi Kgamane a kile a kopana le borara jwa motse wa Palapye go mo sekasekisa kgang e mme ba wela mo maineng a ga Kgosi Olebile le Rre Maforaga.
O ne a bolela fa mo maemong a ga Kgosi Glaas Motshidisi yo o tlhokafetseng mo bosheng le gone go tla a sekasekiwa gore go tsenngwe mang mme go tla a rerisiwa morafe.
Le fa go ntse jalo mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso Rre Moiseraele Goya o ne a leboga morafe wa Palapye go bo o amogetse kgang ya bogosi ka tsoo pedi go sena dingongorego dipe.
A re puso ya lefatshe leno e thaetswe mo bogosing ka jalo bogosi ke pinagare ya lefatshe leno.
Rre Goya yo ebileng e leng mopalamente wa Palapye o ne a bolela fa thulaganyo e e dirilweng ya go rerisa morafe wa Palapye e sa fapoga gope ebile e le mo molaong.
O ne gape a lebogela Kgosi Olebile le Rre Maforaga go bob a amogetse thomo e ba e neetsweng ke morafe wa Palapye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya morafe
Date : 22 Apr 2015






