Mountain of Liberation e tlisa monyenyo kwa Dikgonnye
22 Apr 2015
Kereke ya Mountain of Liberation go tswa kwa Mochudi e abetse banni bangwe ba motse wa Dikgonnye dijo ka matlhatso.
E rile a bua mo boemong jwa morafe wa gagwe Kgosi wa motse oo,Kgosi Ishamael Rakgathi a tlhalosa fa a leboga kereke eo go menaganye go bo ba bone go le maleba go tla go abela bangwe mo motseng wa gagwe.
Kgosi Rakgathi o ne a supa fa e se lantlha kereke eo e abela morafe wa gagwe a kaya fa le ngwaga o o fetileng ba ne ba tla go abela bangwe gape se a tlhalosang fa a se lebogela fela thata.
O ne a ba gwetlha go tswelela ba dira jalo a re seo se supa lorato le kagisano mo gareng ga setshaba mme o ne a ba tshepisa gore le bone fa ba na le letlhoko jaaka go aga kereke ba nne ba ba laletsa le bone go ya go ba thusa fa ba ka kgonang teng.
Le fa go ntse jalo Kgosi Rakgathi o ne a kopa moeteledipele wa kereke eo go ba rapedisa mo motseng wa gagwe le morafe a supa fa motse wa Dikgonnye o le monyenyane mme borukhutlhi jwa teng bo ile mogoletsa.
Fa a tswa la gagwe Mme Maungo Mohube go tswa mo komiting ya mautlwebotlhoko mo kerekeng eo o ne a supa fa ba thamile komiti eo ka tlhotloetso go tswa mo moruting wa bone.
A re maikaelelo a bone ke go fitlhelela matlhoko a batho bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng a tlatsa ka gore komiti eo ke ya bomme ba le masome a mararo le botlhano(35)le Rre a le mongwe.
O tsweletse a supa gore ba ne ba reka dijo tseo ka madi go tswa mo dipateng tsa bone mme le phuthego ya kereke e ba eme nokeng go diragatsa maitlhamo a bone. O tlhalositse fa ba dira seo le bone go diragatsa se se dirwang ke Batswana ba bangwe ba itebagantse le tebelopele ya setshaba ya 2016 ya go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko.
E rile a ba ama ka lefoko moruti ebile e le moporofeta wa kereke eo, Moruti Sehularo Mogopodi o boletse fa kereke ya bone e na le mhama e mentsi mme o o botlhokwa mo go one otlhe ke go abela ba bangwe.
A re ba abela ba ba tlhokang thuso mo teng ga kereke le setshabeng ka kakaretso a tlatsa ka gore le baebele e gatelela kgang eo ya go abela ba bangwe.
O tsweletse a supa gore le bone ba mo motlhaleng wa puso ya lefatsheng leno e e rotloetsang go abela bao ba ba tlhokang thuso a tlatsa ka gore le ene Tautona o dira jalo ka lenaneo la gagwe la go agela bangwe matlo le gone go tsamaya a abela setshaba dikobo.
A supa fa seo e le selo se sentle fela thata le fa bangwe ba sa lemoge gore Tautona o dira tiro e e siameng.
O tlhalosa fa le bone ba leka go rotloetsa mowa oo wa go abela ba bangwe mo setshabeng se ba se direlang.
Le fa go ntse jalo Moruti Mogopodi o ne a gwetlha dikereke tse di mo motseng wa Dilkgonnye go tshwaragana le bone go bereka ba le seopo sengwe e le dikereke go thusa le go rerela setshaba lefoko la modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Kabo ya dimpho
Date : 22 Apr 2015






