Breaking News

Matlakala a ka dirisiwa gape

21 Apr 2015

E re le mororo bangwe ba sa bone mosola wa dipolaseteke, Mme Maria Tshupelo wa dingwaga tse di masome a ferabobedi wa motse wa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o loga diphate ka tsone.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Tshupelo a re o simolotse go loga diphate ka dipolaseteke ka ngwaga wa 2008. A re seno ke morago ga go nna le kgatlhego a sena go bona ngwetsi ya ga mogolowe e logile diphate tse dintle, mme a mo kopa gore a mo rute, a re o ne a tshwara mo nakong e khutshwane ka a ne a na le keletso gape go le motlhofo.

Mme Tshupelo a re o ne a nna a loga diphate go itlosa bodutu ka a ne a nna a le nosi, a re fela o makadiwa ke go bo go sena ope yo o nnileng le keletso ya go anywa botsipa joo mo go ene lentswa batho ba rata diphate tseo tsa gagwe fela thata.

A re o sela dipolaseteke tse di latlhilweng tse di phepa le tse a reng o di kopa mo bathong fa ba tswa mabentleleng. Mme Tshupelo a re o di latsa mo metsing a a nang le molora o montsi mo malatsing a le mabedi gore di sutlhege mokwalo ka bonako mme a di tlhatswe mo letsatsing la boraro.

O boletse gore o dirisa dipolaseteke tsa mebala e e farologaneng go loga diphate, mme a tlatsa ka gore o kgona go tsaya lebaka le leleele go fetsa go loga phate ka fa gongwe o a bo a ise a bone dipolaseteke tsa mmala o a o batlang.

A re o kile a bo a rekisa diphate tse bogologolo ka go ne go na le dipolaseteke tse dintsi thata mme a re ga a sa rekisa ka jaana mo malatsing a gompieno dipolaseteke di rekisiwa mme go se gantsi o ka fitlhela di gasame le naga jaaka bogologolo.

O ne a re jaanong o setse a abela masika fa ba mo etetse le go fa bana ba gagwe le masika e le dimpho fa ba nyala kgotsa ba nyalwa. Mme Tshupelo o tsweletse a tlhalosa gape fa diphate tse di batla tlhokomelo ka di diretswe go kgabisa fela, ga se tse di batlang go alwa fa fatshe ka gore di senyega ka bonako fa di gatwa ka ditlhako.
Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : Masunga

Event : Potsolotso

Date : 21 Apr 2015