Maduo a wetse tlase
22 Apr 2015
Dipalo tsa bana ba ba kwadileng ditlhatlho tsa ngwaga o o fitileng ba lekwalo la bosupa bane bafeta 40 000,ba JC le bone ba ne ba feta 40 000, fa ba lekwalo la botlhano (form five) bone bane ba feta 37 000.
Se se tlhalositswe ke mothusa tona wa thuto Moisareela Goya fa a lekodisa morafe wa Palapye ka tsa thuto, are mo dipalo tseo, bana ba ba baneng ba dira mophato wa botlhano go fentse ba feta 5 000, ba wa boraro ba feta 14 000 fa ba lekwalo la bosupa bone ba lekila ka 69 % gotswa mo dikoleng tse dipotlana tsa lefatshe leno dile 756.
Are seo se tlhabisa dintlhong ele ruri, mme ke gone ga lemosega fa jaanong gotlhokega gore lenaneo la thuto le le sekasekilweng la ga mothusa tautona wa pele Rre Ponatshego Kedikilwe (Revised National Policy in Education (RNPE) le letswang go lowe le supa fa gothokega gore bana barutuntshiwe pele ga ba ka simolola sekole kana lekwalo la ntlha la thuto e potlana.
Mothusa tona are jaanong go semeletswe gore ekere ka 2018 lenaneo la go rutuntsha bana ba bannye pele ga ba simolola sekole lebo le bereka lefatshe leno ka bophara, ka le simolotse le le motekeletsong, mme le supile fa lena le maduo a mantle.
Mothusa tona Rre Goya are dipatlisiso disupile fa dikole tse di ikemetseng ka nosi di dira ka natla ebiole dintsha maduo a a kwa godimo fa go tshwatshwagwa letsa puso, are ga gona le fa ele fa bolaja Setswana bo berekang teng, sephiri ke gore batsadi ba bana bao bakgathala ka thuto ya ban aba bine ka ba ae duelela, ebile fa diphuthego di bidiwa banna teng ka bontsi le gone gonna le sdeabe mo go tokafatseng thuto ya ban aba bone, ka tshwarago e e nitameng ya batsadi le barutabana.
One a isa boikuelo kwa batsadi ba ban aba bone ba tsenang dikole tsa puso go tsaya boikarabelo mo go ageng le go bopeng bana, a supa fa bana basena maitseo, ebile basa tlotle barutabana le bone batsadi ba bone tota.
Oile gape a supa ga goya go nna le tsheka tsheko e e tseneletseng ya gofa bana dithuto tse di balebanyeng e kanna tsa tiro ya diatla kana ya dibuka, tse gantse ditlwaelesegile ka puo ya seeng ( white and blue collar jobs).
O ile gape are puso e turelwa thata ke baithuti ba baisiwang go ya go dira di alevel tsa bone kwantle ga lefatshe leno be gotswe ke(top Achievers) are seo seya go emisiwa me baya gotsengwa mo gae ka gona le dikole tse dinang le bokgoni go ba ruta, are ngwana ale mongwe one a lopa puso P654 000.00 ka ngwaga mme fa ane a rutwa mo gaye o kabo ane a dueleletswe P153 000.00 ka ngwaga.
O ne are sengwe gape se lephata la thuto le s eitemogetseng ke gore barutabana bangwe ba adimile marapo tshwene, fa bangwe badira bojotlhe go thusa baithuti, mme are nako etsile gore puso e tsenye leitlho diemo tseo, a supa fa gona le barutabana ba dithutego tse dikwa godimo mo mokgwatheng bale 3 145 ba ba batlang tiro, ba ba tlaa kabang diphatlha tsa bao b aba neetseng marapo tshwene.
One are go gana go fudusediwa ga barutabana kwa dikgaolong le gone go a tshwenya, ke sengwe se sedigelang boleng ja thuto kwa tlase, ka godumela bao ba eleng gone ba thapiwang ba ba ise banne le boitemogelo jo bokalo. Oile are puso e lemoga sentle ka theelo ya boroko ja barutabana le matlo a borutelo mme e leka ka gotlhe goitebaganya le seemo seo ka bonyenyane jo boteng, are goseegetswe fa tlhoko P100 million go agela barutabana matlo.
One a gatelela botlhokwa ja thuto are thuto gase ntlo ya borutelo ke gore morutabana ene o itlamile gole kafe gontsha maduo, are lefa dikago e kanna tsa maemo a a kwa godimo fa barutabana basa rute maduo ga ana a tokafala.
Oile are diploma e bolailwe, mme e emisiditswe ka degree, ele go fefosa maoto mo gotsa thuto, mme are a ban aba itse se baseeleng kwa go bo mmadikole, ka go seyeng gonna mothofo go ba thusa gape fa ba paletswe ke dithuto, are a bafokotse botsala ja marato , baitebaganye le dithuto pele ka seo ele sone se baitayang tse le gone goreka ditagi ka madi aitshetso.
Oile a lekodisa ka lekalana la phetlho ya motlakase la morupula B are le abetswe madi go tlhabololwa gore lentshe motlakase o o lekaneng, le gone gore klgang ya madirelo a digalese e santse ele kwa makgotla tshekelong go ra rabololwa, fa ba badirang dipompo tse ditona le bone ba boetse motirong morago ga gotswala sebakanyana.
Morafe one wa lebogela ditlhabololo tsa extension eleven bare ditlaa thusa that aka dina le sengwe le sengwe. Rre Obusitse Goepamang one a buwa kathuto are bana le bone ga baithuto, a dumelana le tona gote matlo a borutelo ga seone a rutang, go ruta motho, one gape a batla goitse ka madi madi a a duedusiwang motho fa a reka ntlo ya BHC, gore a bakwa ke eng.
A buwa gape ka metsi a kgopo ya leswe are a a akaretse mongwe le mongwe mo Palapye. Mme Kagiso Motshabi Ka boroko ja bana ba mmadikole ba BUIST one a kopa batsadi go bafokoletsa ditlhwathwa are ga baneelwe sepe se sekalo, mme batsadi bare le bone bana bao ga bana maitseo balala ba tshubile motlakase, mme bare tlhwatlhwa ya P350 le P400 e nnye fela thata golebeletswe ditlhwatlhwa tsa metsi le motlakase, bare ebile P500.00 o ka nna botoka mo kamoreng ele engwe.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 22 Apr 2015






