Breaking News

Tirisano mmogo e fefosa ditlhabololo

22 Apr 2015

Mokwaledi wa Khansele ya Kweneng Rre Wadha Tema o gakolotse bogogi jwa metse e e mo kgaolong potlana ya Letlhakeng fa tirisano mmogo e le botlhokwa. O buile seo kwa pitsong e a neng a tsile go lekodisana le baeteledipele ba metse le maphata ka go farologana kwa Letlhakeng.

Rre Tema o ne a supa fa tiro ya khansele mo kgaolong e le go tlhabolola Motswana ka mananeo a puso a a leng teng. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa maphata mo motseng a tshwanetse go dirisana le komiti ya ditlhabololo.

O kopile gore bogogi jwa motse le komiti ya ditlhabololo go se emelel diphuthego tsa matona a puso le tsa ga Tautona go bega mathata. O ba gakolotse gore go botlhokwa gore ba bege mathata pele kwa a tshwanetseng teng go sale nako gore go bonwe ditharabololo gona le go emela diphuthego tsa dikgotla.

O ne a tswelela ka go supa gore fa gona le tirisano mmogo ditlhabololo di a tswelela. Rre Tema o kaile fa komiti ya ditlhabololo e le yone e e ka lomaganyang badirela-puso le sechaba.
O tsweletse ka go tlhalosa fa maloko a komiti ya ditlhabololo a tshwanetse go dirisana le komiti ya badirelapuso ya VET ka dikgang tse dingwe di ka rarabologa ka nako kwa metseng.

Mo go tse dingwe Rre Tema o ngongoregetse babereki ba Ipelegeng gobo bas a dire tiro e ba eneetseng ka bokgabane. O supile gore ere ntswa a amogela gore go na le tlhaelo ya didirisiwa seo gase a tshwanela go nna seipato gore tiro dise dirwe ka bofefo le ka nako.

O tsweletse ka go kopa gore ba komiti ya ditlhabololo ba segele babereki ba ipelegeng seelo sa pereko gore tiro e dirwe le go fela ka nako. Mokwaledi wa khansele o ne a tswelela ka go kopa ba boipelego gore ba netefatse gore batlhoki gab a neelwe dijo tse di senyegileng kana tse di tlodilweng ke nako.

O tsweletse ka go supa fa khansele e tsile ka lenaneo la maloma-tsebe go lwantsha tshenyetso sechaba mo kgaolong.O tlhalositse fa maloma-tsebe a ka ba loma tsebe bas a ipolele maina kana ba ipolela maina.

O ne gape a supa fa khansele ya Kweneng e tsere tshwetso ya go fa beng gae ditiro tsa di akaretsa go rokela bana ba sekolo paka le go apaela bana ba sekolo borotho. Fa ba mokgwa dikgaba Kgosi ya Metsibotlhoko Rre Bafentse Moatshing one a akgola mokwaledi wa khansele go tla go ba lekola le go ba fa tshedimoso ka diphetogo tse di tlaa diragalang.

Mo mafokong a gagwe a malebo Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Thomas Batlhophi kaile fa tshwaragano ele phenyo jaaka ele moono wa khansele ya Kweneng
.O kopile bodiredi le komiti ya ditlhabololo go ya go diragatsa tse ba di amuleng mo phuthegong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Pitso

Date : 22 Apr 2015