Breaking News

Banni ba ba kgala boeteledipele jwa sekole sa Dikgatlho

20 Apr 2015

Banni ba metse ya Makwate, Shakwe le Taupye mo kgaolong ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba ba kgadile mogokgo le barutabana ba sekole se segolwane sa Dikgatlho ka tshwetso e ba e tsereng ya go busetsa bana ba ba nnang mo sekoleng seo kwa magaeng ntswa ba sa rerisana le batsadi.

Ba boleletse mopalamente wa kgaolo eo, Mme Botlogile Tshireletso, mo diphuthegong tsa kgotla gore tshwetso eo ga e bajese diwelang ka jaana ba sena madi a go busetsa baithuti bao kwa dithutong kgwedi le kgwedi.

Ba re ba swabisiwa ke gore nako le nako fa kgwedi e fela barutabana ba sekole se go balelwa le mogokgo ba busetsa baithuti kwa malwapeng le mororo ba itse fa batsadi bangwe ele batlhoki ba ba thusiwang ke puso go tsenya bana dikole,mme bare ba kopa mopalamente go isa ngongorego ya bone kwa go tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso ka gore kgang eo e ba beile kafa mosing.

Mo dikgannyeng tse dingwe, ba tlhalositse fa ba itumelela ditlhabololo tse di dirilweng mo metsing ya bone ka lenaneo la Ipelegeng ditshwana kagelelo ya mabitla, diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, kago ya maobo mo dikgotleng, go lemelwa masimo ka lenaneo la ISPAAD gammogo le go rekelwa dikgomo, dihutshane le ditante ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Bare ere ntswa mmuso o bathusitse go ba lemela masimo ka lenaneo la ISPAAD sebe sa phiri ba upuditswe ke dikgomo le diphologolo tsa naga mo masimo gammogo le mogote wa letsatsi o bolaileng dijwalo mo masimo, mme bare ba kopa goromente go sekaseka go ba okeletsa badiri ba Ipelegeng gore batho ba kgone go itshetsa ka jaana ba sa tswa ka sepe mo masimo monongwaga.

Mabapi le kgang ya go busetswa ga bana kwa magaeng ke botsamaise jwa sekole sa Dikgatlho Junior Secondary, Mme Tshireletso o kopile batsadi go ikopanya le lekgotla la batsadi le barutabana ba sekole seo ka jaana go sena molao o letelelang bbarutabana go busetsa baithuti kwa malwapeng nteng le therisano ya batsadi.

Mo dikgannyeng tse dingwe Mme Tshireletso o tlhalositse fa palamente e dumelane melao ya go kwadisiwa ga diphuthego tsa dikereke ka maikaelelo a go fokotsa go runya ga tsone, paakanyo molao wa matimela gammogo le paakanyo molao wa kabo ya lefatshe ka jaana go lemogilwe fa Batswana bangwe ba ikhumisa ka gorekisa ditsha le mororo di sa tlhabololwa e bile Batswana bangwe ba tlhaelelwa ke lefatshe la bonno le mahudiso.

Mo diphuthegong tseo mopalamente one a galaletsa badirelapuso ba kgaolo potlana ya Mahalapye ka go rotloetsa batho ba kgaolo eo go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone jaaka go simolola dikgwebo tsa dikoporase tse a tlhalositseng fa dile bogadi bo gaufi.

O kgotlhaditse Batswana segolo jang Bomme le banana go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka ikopelang madi ka lenaneo la CEDA, LIMID le la banana go simolola dikgwebo ditshwana dikoprase tsa baji bareki, theko le thekiso le mabogodika. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 20 Apr 2015