Mapodise a abela Twoboy
19 Apr 2015
Ba Sepodise sa kgaolo ya Gobojango ba bone gole maleba gore banne seabe mo go ageleng mme Elinah Twoboy ntlwana ya boiteketso le go mo abela dijo ka e le motlhoki ebile e le mogodi wa dingwaga tse 72 goitsa go tsamaya sekgala se seleele a batla thuso.
Go buile jalo Sub Inspector Odirile Sepego a re ba dira tiro eo ya kabo ya dijo le tse dingwe ele go diragatsa lengwe la matshe a Tebelo pele ya 2016 e le bontlha bongwe jwa tshaba e e kutlwalo botlhoko gape e le lorato.
Sub Inspector Sepego o tlhalositsi fa bane bantsha madi ao modipateng tsa bone bana le macluster a kgaolo ya Gobojango le morafhe wa motse wa Gobajango.
O tlhalositse fa badira le setsha go kgona maitlamo a sepodise,a tlatsa ka gore basimolotse go kgobokanya madi a go aga ntlwana eo ka ngwaga wa 2014 ka kgwedi ya Phukwi,a re lefa bana le dikgwetlho tsa borukuthi ja leruo le lenyelelang ba nne le maiteko a dirang lengwe la matshego a Tebelo pele ya 2016 ya tshaba e e kutlwelo botlhoko.
Mogolwane wa sepodisi sa Selebi Phikwe Superintendant Rre Ishmael Morebudi a eme boemong jwa OC NO 10 District a re se se badirang ka go agela motlhoki se botlhokwa mo lefatsheng la Botswana ka ba dira le setshaba golwantsha borukuthi,mme ba bona gole maleba go thusa setshaba e le sepodise bas a leba borukuthi fela.
A re maikaelelo a lefatshe la Botswana ke gore lehuma le nyelediwe,gape ke molaetsa wa tautona ya lefatshe leno go thusa ba batlhokang.
O boletse fa gotlhagogile lenanaeo la gore banana bathusi gore tebelopele e gole,e le ditiro tse ka tsone go tla tlhapelang Batswana ditiro,ka Setswana sare gosego letsogo le leabang.
E ne yare Mme Elinah Twoboy a amogela dimpho tseo a re o leboga batho ba kgaolo ya Gobajango go mothusa go mo agela ntlwana ya boiteketso ka o ne a tsamaya sekgala se seleele go kopa thuso,ebile ba supile fa bakgathala ka botshelo ja gagwe le botsogo,atlatsa ka gore a pula ya medupe e banele.
A supa fa dikgosi le dikgosana tsa metse ya Gobajango ,Semolale le Mabolwe dikgatlhala ka botsogo jwa gagwe.Mokhanselara wa kgaolo ya Maseko e ekaretsang metse ya Mabolwe,Semolale le Gobajango a fa malebo Rre Emanuel Marole a rotloetsa batho ba dikgaolo tseo gore baseka bafelela mo gose basedirileng ka go thusa motlhoki ,batswelele go ya pele.A re sepodisi ga a direlwe golwantsha borukuthi fela,basupile fa bathusa tshaba jaaka badirile ka go aba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Kabo ya dimpho
Date : 19 Apr 2015






