Breaking News

Ba Khwee ba kopiwa go kgalema

19 Apr 2015

Batsadi ba motse wa Khwee mo kgaolong potlana ya boteti ba kopilwe go kgalemela bana ba bone fa ba tswa mo tseleng kana ba gana sekole.

Kopo eo e dirilwe ke mopalamente wa kgaolo ya boteti botlhaba rre Sethomo Lelatisitswe fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Laboraro (15/05/2015),a supa fa ba tshwenngwa ke seemo se mo go sone bana ba tlogelang sekole, mme batsadi ba sa bone go le bolato ka jaana fa ba tlogela sekole ba nna le bone mo malwapeng kana ba tsamaya le bone kwa merakeng.

Rre Lelatisitswe o ne a kopa batsadi go kgalemela bana ,mme a lemotsha batsadi gore thuto e botlhokwa, ebile e le yone e ka ntshang bana mo lehumeng,a tlata ka go kgothatsa batsadi go ema ka dinao le go tlhomamisa gore bana ba bone ba tsaya thutho ka tlhwaafalo.

Mopalamente o ne a ba lekodisa ka thulaganyo e ncha ya kabo lefatshe ,gore le bone ba tle ba nne le seabe mo go yone ka go supa gore a ba dumelana le yone,banni bane ba supa fa thulaganyo eo e le tsela nngwe ya go ba amoga lefatshe le go ba tlogela ba sena fa ba nnang teng.

Kgosi wa motse wa Khwee rre Gagoitsiwe Dauwe o ne a lekodisa mopalamente ka matshwenyego a motse wa gagwe a tlhalosa fa a tshwengwa ke borukuthi jo boileng magoletsa mo motseng oo jwa dintwa tse di bakang dintsho tse a reng di dirwa ke banana ba sena go nwa bojalwa .

Kgosi Dauwe a re go nowa majalwa aa sa letlelelwe ,go gogiwa setlhatshana sa motokwane ,a re ba setse ba nnile le dintsho dile dintsi tse di diragalang go sena go nowa bojalwa,a supa fa dithupa tsa marago disa ba babale a re go batla thupa ya mokwatla.

Banni ba ne ba supa fa ba tshwengwa ke borukuthi jo le seemo sa dintsho tse di diragalang le bone ba dumelana le kgosi gore go betswe dithupa tsa mokwatla ka banana ba sa kgalemelesege.

Modulasetilo wa VDC rre Meshack Tseleng o ne lekodisa mopalamente ka mathata a motse wa bone jaaka tsela ee sa siamang,seemo sa metsi a a nowang le a ba nosang leruo ka o ne a supa fa leruo la bone fedile ke lenyora le letlhoko la motlakase.

Rre Tseleng o boletse fa badirelapuso ba ba nang mo matlong a VDC ba sa duele matlo ao e bile ba gana go duela dikoloto tsa bone ,selo se a reng se ba pateleditse go ba ntsha mo go one.

Mopalamente o ne a ba tlhalosetsa fa go sena madi a go tshela tsela ya bone sekontere ,a re e tla tswelela e gopiwa,atlatsa ka gore motlakase go tla tsenngwa wa marang a letsatsi mo ngwageng ono. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Apr 2015