Breaking News

Ba itshegetse tema ya go lwela botsogo

26 Mar 2013

Mothusa tona wa tsa botsogo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a re ba ipeetse ditsetlana di le tlhano tse ka tsone ba tlaa tlhomamisang  gore letshego la go nna tshaba e e itekanetseng ka 2016 le a kgonagala.

 

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mahetlwe bosheng, Rre Matlhabaphiri a re tsetlana e botlhokwa segolo go tlhoma megopolo mo balwetseng.

 

A re baoki le botlhe ba ba direlang mo dikokelong ba tshwanetse go ipolelela ba bo ba lemoga gore mongwe le mongwe yo o tsenang ka kokelo o tlhoka thusa ya bone.

 

Tsetlana ya bobedi a re ke go berekela mo nakong, a tlatsa ka gore maikarabelo a gore molwetse a amogele melemo ke a moaba melemo, mooki kgotsa ngaka e seng molwetse. 

 

Mothusa tona a re baoki bangwe fa melemo e se yo mo kokelong ba romela balwetse kwa dikokelong tse dingwe go batla melemo eo mme a re selo seo se tshwanetse go fela, baoki ba simolole go kopa melemo eo mo boemong jwa balwetse mo nakong e khutshwane.

 

E rile a tswelela ka tsetlana ya boraro, Rre Matlhabaphiri a re ba ikaelela go nna le sepane se se logang maano mmogo e bile ba thusanya. 

A re selo se se tlaa dira gore go seka ga nna le kokelo epe e e tlaa tlhokang bodiredi le mororo badiri ba sa ntse ba tlhaela. 

 

A re sepane se, se tlaa tlhomamisa gore fa mooki mongwe a se yo mo kokelong balwetse bone ba tlaa bona bongaka fela jaaka tlwaelo.

 

Rre Matlhabaphiri o tlhalositse fa kwa lephateng la botsogo ba leka bojotlhe go dira sengwe le sengwe ka botho, a tlatsa ka gore fa motho a sa thusiwa sentle, a tsee kgato ya go bona boeteledipele jwa kokelo a ise a boele gae. 

 

Tsetlana ya bofelo ke ya tekatekanyo, a re ga se tshwanelo gore batho bangwe ba lebelwe kwa tlase fa ba bangwe ba lebelwa kwa godimo.

 

E re dikgang di eme jalo, Rre Matlhabaphiri o kgothaditse banni ba Mahetlwe le Batswana ka kakaretso go itlhatlhobela malwetse a kgotlholo e tona, madi a matona, sukiri le mogare wa HIV. 

 

O supile matshwenyego ka dipalo tsa mogare wa HIV tse a reng di tsweletse ka go golela pele. E rile ba mo kgwa kgaba, batho ba Mahetlwe ba lebogela lephata go ba isetsa mooki. 

Ba re le fa sebe sa phiri e le gore motse ga o na koloi ya kokelo, fela mooki ene o tshwere ka natla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Mar 2013