Majwe Mining e abela Mpule Kwelagobe
15 Apr 2015
E rile bosheng khamphani ya Majwe Mining Joint Venture ya abela lefelo la Mpule Kwelagobe Children’s Centre dibeke tsa sekole di le masome a mararo le boferabongwe.
E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tseo, mogolwane wa Majwe Mining, Rre Caster Mothibedi, a tlhalosa fa lenaneo la bone la Back to School le itebagantse le go thusa bana ba ba kobo dikhutshwane ka tse ba di tlhokang kwa sekoleng di akaretsa paka ya sekole le tse dingwe.
O boletse fa Majwe Mining e lemogile fa bontsi jwa dithuso tsa bana ba ba kobo dikhutshwane di ikgatholositse matlhoko a ban aba go nna jaana kwa dikoleng, ka jalo ya bona go tshwanela go thiba phatlha eo.
Rre Mothibedi a re maikaelelo a lenaneo le ke go tlhotlheletsa matshego a ponelopele ya lefatshe leno a ngwaga wa 2016 a go nna tshaba e e lorato ebile ele kutlwelobotlhoko gammogo le tshaba e e rutegileng.
O tlhalositse fag ole botlhokwa gore bana ba ba kobo dikhutshwane ba rotloediwe ka tse ba di tlhokang mo dithutong tsa bone gore le bone ba tle ba nne le tshepo le moko wa go dira ka natla kwa sekoleng.
Rre Mothibedi o ile a kopa bana ba Mpule gore ba seka ba tlhabisiwa ditlhong ke kw aba tswang teng, a tlatsa ka gore diemo tse ba goletseng mo go tsone di tshwanetse tsa ba kgothatsa gore ba direka natla le bone ba tsoge ba kgona go thusa ba ba kopanang natso.
Erile a leboga, mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile a akgola kompone ya Majwe Mining go bo e itlamile go thusa bana bao. A re kompone eo go supega e lemoga botlhokwa jwa morafe o o dikologileng toropo ya Jwaneng e ba gwebang mo go yone.
Rre Ntlhaile o supile fa tiro e e dirwang ke kompone eo ele e kgolo ka jaana go tsenya letsogo mo thutong ya ngwana ele tiro e kgolo e maduo a yone a tlaa bopang bokamoso jwa lefatshe leno.
O ne gape a kopa baeteledipele ba toropo le batsadi ka kakaretso go tswelela ba etela lefelo leo la Mpule go thusa fa ba kgonang teng ka jaana madi le dithoto e se tsone fela di supang thotloetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Kabo dimpho
Date : 15 Apr 2015






