Barutabana ba kopa kemonokeng
15 Apr 2015
Barutabana kwa sekolong se segolwane sa Artesia kwa kgaolong ya Kgatleng ba kopile batsadi ba bana ba ba tsenang sekolo teng go emela thuto ya bana ba bone ka dinao.
Fa a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana kwa sekolong seo ka Mosupologo, mogoko Rre Khan Masau, o ne a bua a sa kgwe mathe ka go tlhoka go iponatsa ga batsadi mo diphuthegong tsa barutabana le batsadi a tlhalosa fa diphuthego tseo di le mosola thata.
A re go a swabisa go bona batsadi ba sa tsibogele diphuthego tseo a kaya fa go dira jalo e se go supa boikarabelo mo thutong ya bana a tlhalosa fa kwa ntle ga kemonokeng ya bone barutabana ga ba kake ba kgona mokgweleo ba le nosi.
O ne gape a re se se mo utlwisang botlhoko le go feta ke go tlhoka go iponatsa ga batsadi ba Artesia a tlhalosa fa ebile bone ba botoka ka sekolo se mo motseng wa bone ga ba tswe kgakala le go palama ga ba palame mme ba palelwa ke go tla diphuthegong tseo.
Mogokgo Masau a re se se mo gakgamatsang ke gore phuthego e ba e tshwarang fa ngwaga o simolola batsadi ba tla ka bontsi a supa fa mo diphuthegong tse dingwe fa gare ga ngwaga ga ba iponatse gotlhelele.
O tsweletse a supa matshwenyego ka batsadi bangwe ka go tlhoka go tlhola bana ba ba nnang kwa sekolong seo a tlhalosa fa bangwe ba bone sale ba tlogela bana ba bone fa ba simolola sekolo ga nke ba itshwenya go ya go ba tlhola.
A re seo ka nosi ke sone se se bakang bogodu magareng ga bone a supa fa bangwe ba felela ba utswela ba bangwe melora le tse dingwe ka batsadi ba palelwa ke go rekela bana tse ba di tlhokang mme o ne a kopa batsadi go emele kgang eo ka dinao.
O ne gape a kopa batsadi go emisa mokgwa wa go kopa bana go ya medirong e e tshwanang manyalo,dintsho le dikereke a supa fa e le go diela bana nako le go ba kgoreletsa mo dithutong tsa bone a tlatsa ka gore ga ba kake ba letlelela seo go diragala.
Mogokgo o tsweletse a gwetlha batsadi go ema ka dinao go rotloetsa bana mo dithutong tsa bone a supa fa thuto e le yone konokono mo botshelong jwa segompieno a tlatsa ka gore fa motho a sa rutega ga gona jaaka a ka kgona go fitlhelela ditoro tsa gagwe.
Fa a tswa la gagwe mongwe wa barutabana ko sekolong seo Mme Odumetse Komane ene o ne a kopa bomme go bua le bana ba bone ba basetsana ka bodiphatsa jwa go ima ba sale ba botlana.
A re ngwaga o o fetileng ba latlhegetswe ke bana ba le babedi ka ntlha ya boimana a tlatsa ka gore yo mongwe mo go bone o ne a le dingwaga tse di lesome le bone a supa fa a ne a sa le mmotlana thata gore a nne le ngwana.
O ne gape a supa fa bana ba rata go lwa mo sekolong a re ngwaga o o fetileng go ne ga nna le ntwa e mo go yone bana ba ne ba lwa le ka dithipa tota mme o ne a kopa batsadi go bua le bana.
E ntse e le kwa phuthegong eo barutabana ba ne ba bolela fa bana ba mophato wa boraro ba ka seke ba ba golole mo malatsiang a boikhutso a a tlang gore ba kgone go dira dithuto tse di saletseng kwa morago.
Ba ne gape ba supa fa bangwe fa ba gololwa ga nke ba boela sekolong le ntswa ba le gaufi le go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang.
Fa ba akgela batsadi ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo fa batla ema ka dinao go rurifatsa gore bana ba tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo.
Reverend Molatlhwe yo le ene a ne a tsile phuthegong eo o ne a kopa borre go ema bomme nokeng mo thutong ya bana a supa fa bontsi jwa nako bomme ke bone ba ba di gogang kwa pele mo thutong ya bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : ARTESIA
Event : Phuthego ya batsadi le barutabana
Date : 15 Apr 2015






