Breaking News

Autlwetse o lekola kgaolo

15 Apr 2015

Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, o tsweletse ka go etela kgaolo ya gagwe go lekodisa melao e e fitisitsweng kwa Palamenteng.

Rre Autlwetse, yo gape e leng mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, o tlhaloseditse banni ba Lechana ka molao wa lekgetlho, a re dijo dingwe ga dikgethisiwe le gone gore fa ba reka ditshukudu tsa temo ga ba na go amiwa ke lekgetlho.

Fa a latlhela ka molao o o amogetswe wa koketso palo ya maloko a dikereke gotswa mo go lesome goya kwa go lekgolo le masome a  matlhano, a re maloko ao ga go pateletse gore a bo ale mo lefelo le le lengwe, fela kgang ke gore banne lekgolo le masome a matlhano.

O ne gape a re a banana ba inakanye le mananeo a puso go itlhabolola, ka puso e sathole e kgona go ba tlhapa. fa aitebaganya le botsadi one are a bathusi banana ka lefatshe gore batsene mo temo thuong. 

Mopalamente one a tsaya sebaka go bua ka thuto are boleng ja thuto bo wetse tlase, ka jalo puso e bone gotshwanela gore bana ba boelele dithutong tse dipotlana fa basa dira sentle, gore ere baya kwa godimo ba kgone gotlhaloganya.

Rre Autlwetse one a tsaya sebaka go akgola batlhophi ba kgaolo ya gagwe gore babo ba kgonne gotlhopha ka dipalo tse dikwa godimo, are kgaolo ya Serowe Bokone key one fela mo dikgaolong tsotlhe tsa botlhophi tsa bopalamente e tlhophileng ka dipalo tse dintsi.

Morago mothusa modulasetilo wa komiti ya tsa temo thuo Rre Moleta Modisa one a supa fa mono ngwaga basa bona sepe mo temong ka mathata a pula tse dinelang ka boutsana, le gone gore boraditerekere bane ba diega go jwala le go ega, ba bo basiwa ke bokgola.

One gape are ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu ja leruo, le tshenyo ya leruo mo masimong a bao ba baneng ba theletse dithotse. Oile a supa fa ba lebogela lenaneo la ipelegeng sebe sa phiri ele palo e potlana e ba eneelweng mo kgaolwaneng ya Lechana le yone thaelo ya didirisiwa.

One gape a lekodisa ka moepo wa Shumba o o amileng  balimi barui bale mokawana, mme bare ga baitse gore jaanong baya go ya kae lefatashe le seyo jaana. One a lekodisa le ka batho ba bareng ba eletse go ba thusa go fokotsa dikotsi ka go aga masaka mo kgaolong ya bone go tlhatlhala dikgomo tse di mo ditseleng, ba  ba ipitsang  (Wa ESI).

Fa baakgela ba Lechana bane balebogela mopalamente wa bone gore abo a thatositswe maemo gonna mothusa tona.  Mme Keepe Tiroyamodimi ene one a ngongorega ka gorwesiwa ga manyena a dikgomo le gone go dikwala are ga bakgone ele barui goitirela tiro eo.

Mme Tiroyamodimo one are a balemisi ba tsamaise tonto tshipidi pele gab aka batlogela goitsenyetsa manyena .

Bishop Ramaphane one are o lebogela mogopolo wa go okediwa ga dipalo tse dika aga keteke, mme le ene a iteela kobo moroko ka kgang ya moepo wa magala wa Shumba are  o amile didiba tsa bone fela thata .

Fa ba araba dikakgelo le dipotso modiri wa matlhoko a leruo gotswa mo Palapye Rre Moladi Kudumane one are barui ba ipope ditlhopha gotsenya manyena, are gape batsweletse ka gorutuntsha barui mahala kwa diofising tsa bone. One a gotlhwa banana go inaakanya le kgang  ya gotsenya manyena gothusa bagolo ka thutontsho baka e fiwa mahala, are seo seka ba busetsa ka bagolo ekare kgaba gare ba baleboga fa ba bona gotlhokega.

Oile are gorwesa manyena goya go fokoletsa barui gotsamaya mosepele ba batla bakenti, se seyang go diragala ke go bua le bone ba bafa  nomoro ya kgomo ka e tlaabo e setse ele mo marenyaneng

Barui bane gape ba gakololwa ka go begala ba sepodise se ba boning sefatlha le gone gore , ba lese go tlhapa batswakwa ese kafa molaong ka ele bone gole gantsi ba fitlhelwang baa mega mo bogodung ja leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : LECHANA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Apr 2015