Kgolo ya bogodu e a tshwenya
15 Apr 2015
Tona wa molao, itshireletso le thokgamo a re bogodu jwa leruo le go thuba matlo mo kgaolong ya sepodisi ya bolesome (district no. 10) bo a tshwenya.
Rre Shaw Kgathi yo ebileng e le mopalamente wa Bobonong o boleletse banni ba dikgotla tsa Serumola le Sekoba kwa Bobonong ka Mosupologo gore kgaolo ya sepodisi ya bolesome e e dirwang ke dikampa tsa sepodisi tsa Bobonong, Selebi Phikwe, Botshabelo, Baines Drift le Semolale di tswelela ka go kwadisa dipalo tse di ntsi tsa bogodu jwa leruo gammogo le ja go thuba matlo.
A re mo ngwageng wa 2013 go ne ga kwadisiwa di kgang tsa bogodu jwa leruo di le 268 mme motse wa Bobonong o eteletse pele ka dikgang di le 87 e longwa ke Botshabelo ka di le 66, Selebi Phikwe e gatisetse 59, fa Baines Drift e gatisitse 20.
Rre Kgathi o supile fa ka ngwaga wa 2014 go gaitisitswe di le 196 mme motse wa Bobonong o supa fa o ntse o gatetse pele ka molato o.
Fa a ama go thubilwa ga matlo a re ka ngwaga wa 2013, Selibe Phikwe e gatisitse dikgetse di le 75 fa Bobonong gatisitse di le 24 mme a supa fa kgotla ya Rasetimela mo Bobonong e supa e di goga kwa pele.
Tona Rre Kgathi o kopile banni ba dikgotla tse go kgalema bana ba bone ka go supega e le bone ba dirang borukhutlhi.
A re batsadi ga ba a tshwanela go amogela sepe sa bogodu ka seo se oketsa borukhutlhi.
O kgadile batsadi ba ba itlhokomolositseng go kgalema bana a re ga gona molao ope o o kgoreletsang batsadi go kgalemela bana ba bone.
Mopalamente Rre Kgathi o ile gape a supa fa a kopile khansele ya Bobirwa go emisa tshwetso e ba neng ba ikaelela go e tsaya ya gore banni ba motse wa Bobonong ba fuduse leruo la bone mo motseng a re go
tlhokega gore boeteledipele le morafe ba tshwanetse go rerisiwa pele.
A re therisanyo e botlhokwa ka gore go nale Ofisi ya ga Tautona le lephata la kgwebo ba supile fa go nale dikgwebo dingwe tse di ka direlwang mo malwapeng a re go ntsha leruo gotlhele go senyolola mananeo a mangwe a puso a ka one e ikaeletseng go nyeletsa lehuma.
Tona Rre Kgathi a re o tlhaloganya gore bangwe ba tlogela leruo la bone le sasankega le senyetsa batho di tsa bone mme a re molemo wa kgang ke therisanyo le morafe pele ga tshwetso e ka diragadiwa.
A re ditsamaiso mo kgaolong ya legare di tshwanetse go tshwana mo metseng e e seegetsweng ditlogamaano a re pharologanyo ya ditsamaiso
di dira gore merafe e etsaetsege.
Fa a ama ditlhabololo a re ikopelo kgokelo ya dipompo tse di seelang metse ya Bobirwa metse e setse e le gaufi me se se tla dira gore banni ba simolole go nwa metsi a a phepha.
O ile a ba lekodisa banni ka thulaganyo e ntsha ya go tlhopha maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a supa fa maloko a tla tlhomamisiwa ke mokwaledi wa khansele.
A re maloko a VDC ga a tshwanela go bo a tshegeditse maemo mo diphathing tsa sepolotiki, ba tshwanetse go bob a itse go bala le go kwala mme se se dirilwe ka gore komiti ya ditlhabololo e tlhoka batho
ba ba nonofetseng tiro ka ditogammano tsa motse di logwa koo.
Mme banni ba ne ba supa selelo ka leuba le le apereng kgaolo ya bone ebile ba kopa gore dipalo tsa badiri ba Ipelegeng di okediwe.
Ba supile matshwenyego ka lenaneo la dihutshane la nyeletso lehuma ba re le bonya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Apr 2015






