Breaking News

Puso e tlhatlosa Batswana

14 Apr 2015

Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kopile batlhophi ba kgaolo ya gagwe go dirisa mananeo a ISPAAD, LIMID, Young Farmers Fund le nyeletso lehuma go tokafatsa matshelo a bone ka go simolola dikgwebo tsa dikoporase.

Mme Tshireletso yo e bileng ele mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o dirile kopo e mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mookane, Mmaphashalala le Dovedale tse mo go tsone a neng a tlhalosetsa banni ba metse eo ka megopolo le melao e dumelanweng mo palamenteng e fetileng.

A re ere ka ele maikaelelo a mmuso go nyeletsa lehuma le go lwantsha letlhoko la ditiro, ke sone se mmuso o tsereng tshwetso ya go laela maphata a puso go seegela kwa tlhoko ditiro dingwe tse di ka neelwang banana ba ba kailang mo mebileng le go abela lephata la dikoporase P35, 931.820 go dirisiwa go tsosolosa dikoporase le go tlhama dikgwebo tse di ka direlang banana ditiro.

Mme Tshireletso o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba metse eo, fa mmuso wa gagwe o dumelane mogopolo wa go oketsa madi a lenaneo la LIMID go tsweng mo go P20 million goya kwa go P50 million gore Batswana ba kgone go dirisa madi ao go simolola dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo ya lefatshe leno le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko.

Mopalamente o boletse fa mangwe a mananeo a tla tsweledisiwang go inola Batswana mo lehumeng ele a nyeletso lehuma le Ipelegeng a batho ba kgaolo ya Mahalapye Botlhaba ba tlhalositseng fa a diretse bathjo bale bantsi mo kgaolong eo ditiro tse ba itshetsang ka tsone,mme bare ba kopa gore dipalo tsa babereki ba ipelegeng di okediwe.

A re ka ntlha ya tlhaelo ya lefatshe le banana ba ka le dirisang go simolola dikgwebo, ke sone se mmuso o dumelaneng go neela banana dikago tsa bogologolo tse di neng di dirisiwa ke mmuso gore banana ba di dirise ele tsa dikgwebo.

Mo diphuthegong tseo,banni ba Mookane, Mmaphashalala le Dovedale go balelwa le kgosi Silas Keitumetse, kgosi Captain Kemmapatse Bagatiseng le kgosi Ditodi Namane ba kopile goromente go tsweledisa lenaneo lA Ipelegeng le nyeletso lehuma le go hokoletsa barui ditlhwatlhwa tsa dijo tsa dikgomo kwa madirelong a LAC ka jaana lefatshe leno le wetswe ke leuba monongwaga.

Bare ere ntswa lenaneo la nyeletso lehuma le Ipelegeng ane a ka tswela Batswana mosola se be sa phiri ke tiego ya go rekela batho loruo le ba le ikopetseng, dipalo tse dipotlana tsa batho ba ba thapiwang mo ipelegeng le batho ba ba ganang go hirisa ditante tsa batho ba ba di tsereng ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Mamabpoi le kgang e tswang goo-lowe ya go tshela tsela e tshwaraganyang metse eo sekontere, Mme Tshireletso o tlhalositse fa puso e dumelane go gopa tsela eo kgapetsa-kgapetsa go fitlhelela mmuso o bona madi a go tlhabolola tsela eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 14 Apr 2015