Maloko a mokgatlho a aba madi a mmele
14 Apr 2015
Mokgatlho wa University of Botswana Health and Wellness Centre o bone go le maleba gore ba nne le karolo mo go abeng madi a mmele, se e le nngwe tsela ya go leka go lwantsha tlhaelo ya madi ee apereng lefatshe leno ka bophara.
UB health and wellness Centre e aba madi malatsi a le matlhano ba ikgolagantse le National Blood Transfusion Centre (NBTC).
Mogokaganyi wa UB health and Wellness Centre, Mme Bawani Motshewa, o tlhalositse fa ba lemogile gore tlhaelo ya madi ke selo se se tshwenyang fela thata, mme ka jalo ba batla go thusa mo go lwantsheng tlhaelo eo.
Mme Motshewa a re ba sa la ba simolola go nna karolo mo go abeng madi ba ntse ba golagane le ba NBTC ka dingwaga tsabo 2008, a supa fa kgolagano ya bone e tsweletse ka go golela pele.
O tlhalositse gore ka di ngwanga tsa bo 2008 tiro ya go abiwa ga madi a mmele e ne e tsaya letsatsi le le lengwe fela, mme mo bogompienong ba dira tiro eo beke yotlhe.
O tsweletse a tlhalosa gore mo ngwageng ba dira tiro e ya go aba madi gabedi ba lebile gore ngwaga o kgaogantswe ka ditlha di le pedi go yeng ka thuto ya Mmadikolo.
Mme Motshewa are dipalo tsa batho ba ba abang madi di tsweletse ka go golela pele fa go tshwantshangwa le dingwaga tse di mmalwa tse di fitileng.
Are gore dipalo di tswelela ka go gola jaana, ba nale dithulaganyo tse ba e dirang e le ba UB health and Wellness Centre go gwetlha batho gore ba abe madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo.
Dithulaganyo tse di akaretsa kanamiso ya melaetsa ka dipampitshana, ga mmogo le baithaupi ba baithuti ba ba tsamayang ba anamisa molaetsa ka kabo ya madi ntlo le ntlwana mo sekolong.
O tlhalositse fa bontsi jwa batho ba ba abang madi ka palo e ntsi e le baithuti ba sekolo, mme le badiri mo sekolong le bone ba tsweletse ka go aba madi a mmele ka dipalo tse di nametsang.
Oa tswelela ka go tlhalosa fa kabo e ya madi e sa remelela fela mo baithuting le badiri ba Mmadikolo, mme e buletswe mongwe le mongwe fela yo o ka tswang a nale keletso ya go aba a madi.
Mme Motshewa o rotloetsa mongwe le mongwe yo o mo seemong sa gore a ka aba madi, gore a abe madi ka gonne, madi a a abang e kare kamoso a solegela ene yo o a abang molemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Karabo Ntane
Location : GABORONE
Event : Kabo ya madi a mmele
Date : 14 Apr 2015






