Breaking News

Madi a SHHA a okeditswe

14 Apr 2015

Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia, o rotloeditse Batswana go dirisa lenaneo la go ikagela matlo la SHHA le go okeditsweng madi a dikadimo go lekana le seemo sa ditlhwatlhwa tsa dikago gompieno.

Rre Ralotsia o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Moshana, Mathubapula le Goora Seno mo kgaolong ya gagwe bosheng.

Rre Ralotsia o boletse gore fa o atlolosa ntlo e e ntseng e le teng, madi a okeditswe go tswa mo go P45 000 go ya kwa go P60 000. O boletse fa motho a simolola ntlo sesha madi a okeditswe go tswa mo go P60 000 go ya kwa go P90 000.

O boletse fa madi a teng a sena morokotso ebile go thusiwa mongwe le mongwe yo o nang le madi a letseno.  A re ko mafelong a a ko tengnyanateng jaaka Ghazi ko dilwana tsa kago di turang teng go sekwa sekwa go oketsa madi go fitlha ko go P100 000.

Rre Ralotsia, yo gape e leng motshwarela tona wa temo thuo, o boletse fa  kago e le botlhokwa thata mo matshelong a batho, Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse go ititaya ka thupana go nna le bonno. 

Le fa gontse jalo go boletswe fa badisa le bomme ba ba dirang mo malwapeng le bone ba thusiwa ka gore ba a bereka. Mo dikgannye tse dingwe o kgotlhaditse banana go ipopa ditlhopha gore ba thusiwe ka mananeo go ithamela mebereko. 

O boletse fa go dira ka setlhopha go le mosola e bile gole botoka ka puso e thusa botoka.  

O boletse fa ditiro di sa tlhole di bonwa motlhofo a bolela fa e le nako ya gore ba ikopanye ba akole mananeo.o kopile le balemi barui go ikopanya gore masimo a bone a tle a agelelwe mahala le go phunyediwa sediba. O kgadile mafufa a Setswana a a kgoreletsang boikopanyo, a getelela  mo go direng dijo.

Ralotsia o buile gape ka molao kakanyetso wa go hetola sekole sa ithutelo tsa temo-thuo sa BCA go nna mmadikolo ya temo-thuo (University). O boletse fa jaanong dikole tsa mohuta oo di tlabo di le tharo mo Botswana.

Le fa gontse jalo Ralotsia o kopile balemi barui go dirisa lefatshe le ba le neetsweng le gore fa ba sa le dirise ba le adimana. O kopile gore bana le bogole ba inaakanye le mananeo ka gore le bone ba na le bokgone e bile bangwe go na le mananeo a bone a a haphegileng.

Fa ba mongwa dikgaba banni ba metse eo ba lela selelo sa ga Ragele mabapi le tlhaelo ya metse mo metseng ya bone,ba boletse fa diphaephe di thubegile mme di sa baakanngwe. Ba boletse fa ditiro tsa ditlhabololo tsa dikago di eme ka go tlhoka metsi.

Banni ba ngongogerile ka bogodu ja leruo mme go utswa bana ba bone. ba kopile gore badiri ba ipelegeng ba okediwe dipalo ba bolela fa e le mosola thata mo ditlhabololong le go ba hira. Ba boletse fa dithuso dingwe tsa mananeo di tsaya lobaka ba ba sekwasekilweng ba isi ba thusiwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 14 Apr 2015