Breaking News

Kgokgontsho ga e jese diwelang

14 Apr 2015

Mothusa kgosi wa kgotla ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe, Kgosi John Seabe, a re ba santse ba tshwere phage ka mangana ka dikgang tsa kgokgontsho tse di golelang pele mo kgaolong e ba e okametseng.

O ne a bua jalo kwa thuto se ka dipuisanong e e neng e rulagantswe ke ba Men for Health and Gender Justice Organisation bosheng.

Kgosi Seabe o tlhalositse gore setshaba se santse se tlhoka thuto e e tseneletseng ka kgokgontsho ka go lebega bangwe ba itse go kgokgontsha e le ga go itaa motho mme ba sa itse gore e metlhalementsi.

Kgosi Seabe a re kgaolo ya Botshabelo ke ya selegae kwa baagi bateng ba sa berekeng bogolo jang bomme jaanong se se raya gore ba beile botshelo ja bone mo go borre ba ba tshelang nabo e bile banna mmogo mo mantling ba sa nyalana.A re se se dira gore le fa mme a sa tsewe sentle mo loratong a bo a itshoka fela ka a beile gore ga a tswa mo go rre yoo gagona yo o ka mo tlamelang mo letlhokong la gagwe. 

Kgosio ne a tswelela a tlhalosa gore e le ba bogosi ba gakolola gangwe le gape gore go nna mmogo batho ba sa nyalana ga go a siama mme go lebega batho ba go ikgatholositse.

Kgosi o ne a leboga ba makgotla a a tlhamilweng go lwantsha kgokgontsho ka go nna ba ba tlhatlhelela ka go ka ba ruta e le dikgosi ba bo ba fetisetsa molaetsa kwa setshabeng,mme o ne a wetsa ka go rotloetsa mekgatlho go ikopanya le  go bua ka lentswe le lelengwe ka se se ka thusa le go fetola ka fa borre baakanyang ka teng.

Mme Patricia Masasa,mookamedi wa lephata la Gender Affairs mo SelebiPhikwe a re, ba kopana le dikgetsi tsa kgokgontsho tse di amang bogolo jang bomme mme ba dira molato e le borre mme bo mme bao ba ineetse mo di emong tseo.

Mme Masasa o ne a tswelela are, ga se gantsi ba kopana le dikgetsi mo go tsone bo rre ba kgokgontshiwang, mme mabaka ba belaela gore bo rre ga batswele mo pontsheng e le go thajwa ke ditlhong.

Mme Masasa o ne a wetsa ka gore e le ba Gender Affairs ba gakolola setshaba go itseela tshwetso ya go tsaa boikarabelo ja gore gaba kgokgontshiwe ka ba le mo loetong la go ruta setshaba ka kgang tsa kgokgontsho le ditla morago tsa yone ba kopane le makalana a ikemetseng kanosi.

Rre Thatayotlhe Molefe, mookamedi wa mokgatlho wa Men for Health a re, e le mokgatlho ba itebagantse thata le tekatekano ya bong le botsogo ja borre le bomme.

Rre Molefe are e le ba mokgatlho ba ikopantse le baeteledi pele ba morafe ebong dikgosi, mapodise, baruti le bo mmaboipelego go ruta setshaba ka tsa kgokgontsho le nngwe ya ditlamorago tsa yone e le go tsenwa ke mogarewa HIV. 

O ne a re batlhophile Selebi Phikwe ka e le lengwe la mafelo a amilweng phetelela ke mogare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse le Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Thuto-puisano

Date : 14 Apr 2015