Mapodisi a tlhotlhomisa polao
13 Apr 2015
Mapodise a Letlhakane a tshegeditse monna yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe, go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la monna yo o dingwa tse di masome a mabedi le boraro.
Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Assistant Superintendent Albert Foda, a re tiragalo eo e diragetse ka nako ya boferabobedi bosigo, kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bongwe kwa masimong a sedibana gaufi motse wa Mosu.
Superitendent Foda a re mmelaelwa o ne a tlhaba moswi ka sengwe se se bogale morago ga gore ba tlhoke kutlwisisano fa ba ne ba le kwa maitisong a dino. A re setopo sa moswi se ko mmoshareng wa sepatela sa Letlhakane go tlhatlhobiwa ke dingaka.
Superitendent Foda a re o kgothatsa setshaba go ikgapha mo dintweng le gore fa ba tlhokile kutlwisisano ba begela maposi go na le go itseela molao mo matsogong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oarabile Mawele
Location : LETLHAKANE
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 13 Apr 2015






