Breaking News

Banana ba ipatlela methale ya itshetso

13 Apr 2015

Kgosi Mudongo Kgetsi wa Nshakashogwe mo kgaolong potlana ya Tutume a re o itumedisiwa ke go bona bontsi jwa banana ba motse o ba ba sa berekeng ba nyoretswe go ipatela metswedi ya itshetso.

O buile jalo mo potsolotsong bosheng, mme a re le fa bontsi jwa banana ba motse oo ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro, ga baa nna fela ka mowa wa boitlhobogo.

A re bontsi jwa banana bao ba supa kgatlhego tebang le go dira ditiro tse di ka tlhabololang matshelo a bone.  Kgosi a re dingwe tse di kgatlhisang tse ba inaakantseng le tsone ke gore bangwe ba ikopetse madi a banana go itshemololela dikgwebo tsa dikeletso tsa bone.

A re bangwe banana bone ba ikopetse mananeo a nyeletso lehuma a a akaretsang go loga le go dira moriri fa bangwe bone ba buletswe dimausu. Kgosi a re se se kgatlhisang ka dikgwebo tse ke gore ga di sologele banana molemo fela ka jaana banni ba motse le bone ba tlhoka go dirisa ditirelo tsa dikgwebo tse.

Go sale foo, Kgosi Kgetsi o tlhalositse fa mananeo a batho ba ka itlhabololang ka one e se a nyeletso lehuma fela ka jaana go na le mangwe mananeo a akaretsang la dithuto tsa banana ba ba sa dirang sentle kwa sekolong.

A re e re jaaka bontsi jwa banana ba fela pelo fa dikgwebo kgotsa mananeo a sa tsamaye sentle, ba ka sekaseka dithuso tse maikaelelo a tsone e leng go tlhabolola dithuto tsa bone gore ba kgone go diragatsa ditoro tsa bone le go bona ditiro tse di botoka.

Mo go tse dingwe, Kgosi o supile fa a itumelela tirisanyo mmogo e e renang fa gare ga dikomiti ka go farologana mo motseng. 

A re dikomiti tse di dira di le seoposengwe e bile di rerisanya mme a rotloetsa batho ba motse go tswelela ba dirisanya sentle le baeteledipele ba motse.

O ne a supa fa se se dira gore ba direle motse ka botswapelo jotlhe le go tla ka ditsela tse di farologanyeng tsa go tlhabolola motse wa bone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 13 Apr 2015