Breaking News

Ipapatso ke yone tsela

13 Apr 2015

Modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa Tutume, Rre Kopano Tamari, o gakolotse banana ba ba filweng thuso ya dikgwebo go tla ka metlhale ya go ipapatsa.

Rre Tamari o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a supa fa go na le dikgwebo tse di ntsi tse di farologaneng mo motseng, tse e leng maduo a mananeo a puso. Le fa go ntse jalo, Rre Tamari a re sebe sa phiri ke gore batho ga ba na kitso e e nitameng ka tsone.

A re mangwe mabaka a a dirang gore dikgwebo tse go seka ga itsege ka tsone ke gone gore bagwebi kgotsa beng ba mananeo ga ba dire ipapatso e e kgotsofatsang e ka ntshetsang dikgwebo tse mo pontsheng, gore batho ba itse ka tsone le kwa di ka bonwang teng.

Rre Tamari o gakolotse bagwebi go tsaya metlhale ya ipapatso ka tlhwaafalo e bile ba lekeletse go dirisa le ya maranyane a sesha. A re ipapatso e tlhalosa boleng jwa kgwebo, mme ke nngwe tsela ya go ka tlhabolola gape e godisa kgwebo. 

O ne a tlatsa ka go tlhalosa fa gape e ka thusa kgwebo go phunyeletsa mmaraka mme gape a re tlhaelo ya ipapatso e na le seabe go rotloetsa go phutlhama ga kgwebo kgotsa lenaneo.

Go sa le foo, a re le ntswa bontsi jwa dikgwebo bo dira mo go nametsang, o santse a sa itumedisiwe ke go bona bangwe ba sa tsenye mashetla tebang le go godisa dikgwebo tsa bone.

A re go itshupa fa bangwe ba tsaya nako e ntsi ba sa dire sepe se se ka sologelang kgwebo mosola kgotsa se e tokafatsa kana go batla tharabololo ya dikgwetlho tse di tlhagogang.

Rre Tamari a re boikarabelo jo beng ba dikgwebo ba bo supang tebang le dithuso tse ba di filweng ke jone jo bo ka lereng maduo a a kgatlhisang kgotsa bo ka dira gore kgwebo e phutlhame.

O bile a gakolola banana ba ba setseng ba bone thuso ya madi gore ba ikemisetse, ba se letle sepe go ba kgopa ka jaana ba tshwanelwa ke go dira ka natla gore ba kgone go busa madi a ba thusitsweng ka one.

A re seo se ka fa banana ba bangwe ba ba nang le keletso ya go thuswa ka madi a gore le bone ba nne le sebaka sa go bona thuso ka nako.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 13 Apr 2015