Ba Mahalapye ba lela ka ditsela
13 Apr 2015
Banni ba Mahalapye ba lela ka seemo sa ditsela tse di ralalang motseng wa bone.
Banni ba kaile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng.
Ba kaile fa seemo sa ditsela tsa motse wa bone di sa supe fa ele motse o motona, mme ka jalo di ba kgoreletsa le gone go ka bona ditlhabololo.
Fa a rolelela tona kitsoso, modulsetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme baareng Raphane o kaile fa seemo se se sa itumedise fela thata mme e bile go ba isa le gone go ka dira sepe.
Mme Raphane a re ditsela tsa motse wa bone di maswe fela thata mo e reng ka anako tsa dipula bangwe mo dikgotlaneng dingwe tsa motse ba palelwe ke go tsamaya.
Mo go tse dingwe Mme Raphane o ne a tlhalosa fa ba komiti ya gagwe ba palelwa ke go dira diterelo dingwe di tshwana le go gokela motlakase kgotsa megala ya ditlhaeletsanyo mo dikgotlaneng tsa bone ka go tsaya lobaka kana go ba turela fela thata.
A re golo mo go kokonela komiti ka jaana bas a kgone go duela dituelo tse di batliwang k aba patelesega go duela ditlhwatlhwa tsa dikgwebo go ka bona thuso.
A re se seketefalela maiteko a bone go ka leka go thusa go tlhabolola motse wa bone ka fa b aka eletsang ka teng.
Mme Raphane o ne gape a lela ka seemo sa poso ya motse wa bone a kaya fa ele nnye fela thata mo e bileng e sa lekane motse o motona o tshwana le wa bone.
A re poso ga e sa tlhole e diretswe makwalo fela mme ditirelo tsa yone dikatolositswe fela thata di akaretsa dituelo tsa bagodi, dituelo tsa Iepelegeng, go duelwa ga makgetho a dikoloi le tse dingwe mme seemo say one ga se sa tlhole se letla go ka thusa morafe wa Mahalapye.
A re le bodiredi jo bo mo go yone bo a tlhaele fela ruri mo eleng gore fa batho ba ile posong ba tlhola koo.
Fa a motlatsa, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato yo mogolwane wa Mahalapye Kgosi Duncan Segotsi o tlhalosits e fa poso eo ele kgologolo mo e bileng e sa kgoneng dipalo tse dintsi tsa batho ba motse wa gagwe.
Kgosi Segotsi a re poso ya motse wa gagwe key a nako tsa ga mmamosadinyana mme ka jalo e tshwanetse go tlhabologa e tsene fela mo seemong sa dikago tsa sesha, tse di tlhabologileng e bile di tsamaelana le dipaka tsa segompieno.
Mo go tse dingwe Kgosi Segotsi o ne a kopa Tona gore ba itumelela puso go bo e akantse go busetsa terana a batho o tirisong.
A re mo ke maiteko fela a matona a eleng gore a tsile go baya le motse wa gagwe mo seemong se se eletsegang, ka ditlhabololo di tla a tla.
Le fa go ntse jalo Kgosi o kopile gore seemo sa fa terena e palamelang teng go tshwanetse go tlhabololwa, a tlatsa ka gore maemelo a diterena mo Mahalapye a kile a bo a nale serudumo se segolo mme jaanong a phutlhame go setse matlotla fela.
A re gongwe puso e ka dira sengwe ka seemo se, gore le fa batho ba emetse terena b aka itiyatia ka dijonyana kana boroko, a re o kopa gore gongwe go ka dirwa gore go kgatlhise go seka ga nna go ntsho fela jaaka go ntse mo bogompienong.
Kgosi Segotsi a re wa tlhalosaganya gore puso e ntse e sokola bogolo fa go tla ka fa madding mme a kopa gore fa ditsompelo di letla seemo se se sekasekwe maemelo a diterena e nne a maemo a ntlha.
E rile fa a ba kgwa dikgaba, tona Rre Mabeo a tlhalosa fa lephata la gagwe le ikaelela go tlhabololo lefatshe leno ka go tokafatso seemo sa di dirisiwa di tshwana ditsela, dipagamo ga mmogo le ditlhaeletsanyo.
Rre Mabeo a re go isa ditlamelo kwa bathong go tlhokana le tsotlhe tse di ka diragang gore tiro ya teng e e tlage ka jalo ba ikaeletse go dira ka gotlhe go bona gore seemo sa dilo tsotlhe tse se a tokafala.
A re ke ka moo puso e batlang go simolodisa terena ya batho go bona gore ba kgona go bona ditlamelo ka bofelo.
A re terana e, e e tla a simolodisiwang fa ngwaga o fela fa go ka se nne le makgoreletsi ape e tsile go tla ka ditlhabololo fela tse dintsi bogolo jang go tlhamela banana ditiro le dikgwebo.
O tlhalositse gape gore puso e ikaelela go tlhabololo kgotsa go tokafatsa tshotlhe tse di amanang le terena e, go simolola fela ka maemelo a yone go felela le ka yone, a tlatsa ka gore dilo di le dintsi di tsile go fetoga ka terena e le yone e tsile go tla e le mo seemong se se tokafaditsweng go farologana le sa pele.
O kaile fa mopalami a tsile go kgotsofalela go tsamaya ka terana ka e tla a bo e tla ka seemo se sesha e bile le itshereletso mo teng ele ya maemo a ntlha.
Fa a bua ka seemo sa poso ya motse wa bone, Tona Mabeo o ne a tlhalosa fa a itse mme puso e dira ka gotlhe go bona goe e tokafatse seemo se, a a fa sekai ka tiriso ya dikarata tsa dikamogelo tsa bagodi gore ba seka ba nna bantsi kwa diposong.
A re seemo se, se tsile go fokotsa mosuke kana go tlhola kwa posng ga bagodi ka dipalo tse digodimo ka jaana ba tsile go ya teng fela fa ba batla madi, a kopa botlhe b aba iseng ba ikwadisetse dikarat tse go dira jalo gore battle ba akole lenaneo le.
Rre mabeo fa a bua ka seemo sa ditsela, o ne a tlhalosa fa seemo sa ditsela se tsile go tokafala ka jaana lephata la gagwe le itshwaragantse le lephata la dikgaolo le ditlhabololo tsa magae go bona gore e dira ditsela tsotlhe tse di ralalang metse, ka go kaba mesima le go di gopa.
A re seemo se se tsile go tokafala ka jaana e bile ba tsere tshwetso ya gore bana botlhe ba ba nang le ditirelo tsa dikonteraka e nne bone b aba fiwang ditiro tso go leka go fokotsa seemo sa letlhoko la ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Apr 2015






