Di boela meriting kwa DKAR
13 Apr 2015
Morago ga go gosomana ga dipula kwa D’kar mo kgaolong ya Ghanzi, seemo se boela mo maemong ka banni bangwe ba setse ba boetse kwa malwapeng a bone.
E rile bosheng, malwapa mangwe a fudusediwa kwa sekolong sa motse ka matlo a bone a ne a tsene metsi.
Kgosi ya D’kar, April Montshosi, a re malwapa a le masome a matlhano le boraro a santse a nna kwa sekolong ka gore malwapa a bone a eme metsi.
Kgosi Montshosi a re bogogi jwa motse le komiti ya dibetso tsa tlholego ba buisantse le ba kereke ya Reformed Church gore ba fudusetse batho ba ba amegileng kwa dikagong tsa kereke go sutela bana ba sekolo ka jaaka sekolo se bulwa ka Labobedi.
A re dipula tse di bakile tshenyo ka matlo mangwe a setswana a le mabedi a setse a ole mme le bangwe ba banni ba supa fa ba sa bone dikarata tsa bone tsa dithuso (zebra card).
A re dithoto tsa banni di akaretsa dijo, diaparo le dikobo ga mmogo le dilwana tsa mo ntlong di kolobile.
Kgosi Montshosi a re ba beile seemo leitlho ka tswaragano le ba khansele le ba ofisi ya ga molaodi go bona gore ba ba amegileng ba bona dithuso tse di maleba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : Puisano
Date : 13 Apr 2015






