Muyakwabo o tlhophilwe go nna kgosana
13 Apr 2015
Rre Kenneth Muyakwabo o tlhophilwe go nna kgosana ya tetlanyo ya kgotlana ya Botoka kwa Mabele.
Mo ditlhophong tse di neng di tshwerwe bosheng, Rre Muyakwabo o ne a bona tlhopho ya batho bale masome a matlhano le bone fa yo o mo latelang ebong Rre Sankwasa Mwampole ene a bone tlhopho ya batho ba le masome a mararo le motso.
Ditlhopho tse di ne di tshwerwe go tlhoma kgosana e ntsha morago ga gore kgosana ya pele ya kgotla eo e tlhokafale ngogola.
Borre ba le bane ba ne emetse maemo ao tse mo go tsoneRre John Masene a iponetseng mameo a boraro ka tlhopo ya batho ba le masome a mabedi le boferebobedi. Rre Jackson Mainga o ne a bona maemo a bofelo ka tlhopho ya lesome le boraro.
Morago ga ditlhopho tse, bo ntlhopheng botlhe ba ne ba supa fa ba amogela maduo ka ditlhopho di tsamaile sentle go sena tsietso. Ka jalo botlhe ba ne ba ikana go bereka sentle le yo o fentseng.
Banni ba motse le bone ba ne ba supa fa ba itumeletse ka fa ditlhopho tseo di tsamaileng ka teng mme ba kopa gore go nne le tomagano.
“Re batla go nna le tomagano ka gore bagolo ba kgotla ya rona ga ba utlwane mme seo se a re tshwenya re le ban aba bone,” ga bua monni wa kgotla eo Mme Nswahu Tawana.
Molaodi wa kgaolo Rre Temba Mmusi o ne a ba tlhalosetsa fa leina la yo o fentseng le tla fetisetswa ko offising ya tona wa tsa selegae go le tlhomamisa.
O ne a rotloetsa go tsaya batho ka tekatekano le tlotlo.
“Kgosi ke kgosi ka batho, fa a sa itseye sentle bogosi bo a tsamaya,” Rre Mmusi a tlhalosa.
O ne gape a rotloetsa morafe gore ba kitlane ba utlwane esere gongwe ba itshegisa ka ba ditshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ludo Chube
Location : KASANE
Event : Go tlhophiwa ga kgosi
Date : 13 Apr 2015






