Breaking News

Ketlhoanetswe o lebisiwa molato wa go bolaya ngwana

13 Apr 2015

Mosekisiwa yo o lebisitsweng molato o mongwe fela wa polao o ne a  itshupa fa pele ga ga mmakaseterata wa Molepolole,  Rre Bhekimpilo Sibanda,  Moranang a le malatsi a robabongwe.

Dintlhakgolo tsa molato o a o lebisitsweng ke gore, e rile kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le marataro kwa masimong a Gathoka kwa kgaolong ya Kweneng, Thatayaone Ketlhoanetswe a bolaya ka maikaelelo Omogolo Ketlhoanetswe, ngwana yo a neng a le dikgwedi di le tharo. 

Fa a begela lekgotla,  mosekisi Seagent Barulaganye Tiase wa sepodisi sa Molepolole o kopile gore mosekisiwa a seka a fiwa sebaka sa go emela tsheko a le kwa ntle ga kgolegelo ka gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

E rile atswa la gagwe, Ketlhoanetswe a tlhalosa gore o kopa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo ka lebaka la gore ona le ngwana wa mo-na-le-bogole yo o kafa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, a tlatsa ka gore e bile o nna a le nosi. 

Moisekisi Seagent Tiase o ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgang e ne santse e le ntsha go begiwa.

O boleletse lekgotla gore go ya ka ditlhotlhomiso tsa bone, ke nnete gore mosekisiwa o na le ngwana wa mo-na-le-bogole mme a tlatsa ka gore ga se ene (mosekisiwa) a mo tlhokomelang. A re ngwana o mo tlhokomelong ya ba masika a mosekisiwa. 

Mosekisi o boletse gape fa ditlhotlhomiso tsa bone di ba sedimoseditse fa mosekisiwa e le motho yo o laolwang ke dino tagi ka jalo go se maleba gore a fiwe sebaka sa go emela tsheko ko ntle. 

Fa a gana kopo ya mosekisiwa, mmakaseterata Sibanda o tlhalositse gore mosekisi o begetse lekgotla gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. 

O lemositse mosekisiwa gore molato o a o dirileng ke molato o o tlhwaahatseng e bile ole motona mme ka jalo o ganne kopo ya mosekisiwa ya go emela tsheko kwa ntle.

Mosekisiwa o tla itshupa gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e  le masome a mabedi le boraro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Tsheko

Date : 13 Apr 2015