Poifo Modimo ke konokono
12 Apr 2015
Tona wa Lephata la tsa Pereko le tsa Selegae, Rre Edwin Batshu a re kutlo le kobamelo melao gammogo le poifo Modimo, e tshwanetse ya nna dilo tsa konokono mo Motswaneng mongwe le mongwe.
Fa a buisa banni ba metse ya Mapoka le Zwenshambe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng, Tona Batshu o ne a gwetlha Batswana go obamela melao ya lefatshe leno le gone go boifa Modimo tota ka go tlotlana le go bega sepe se se ka tswang se fatlha, ka seo se ka thusa go dibela kagiso le go isa lefatshe leno golo gongwe.
A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a leka bojotlhe go rata le go dibela lefatshe leno ka gotlhe mo a ka go kgonang, a re go sa nneng jalo ba tla lelela kgama le mogogoro, lefatshe leno le fetogile la manong.
Tona Batshu a re go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a nne le seabe mo go diragatseng se se umakiwang mo pineng ya setshaba ya lefatshe leno, a re pina eo, ke sone sekano sa lefatshe leno, ka jalo ba seka ba e tsaya lolea, e opela ka go bo e tlwaetswe kgotsa ka go kgatlhega, mme go tshwanetse ga tlhaloganngwa molaetsa wa yone.
O tsweletse a re mongwe le mongwe o tshwanetse a tlhaloganya matshego a le mararo a lefatshe leno le ikaegileng ka one, eleng palamente, boatlhodi le batsamaisi ba puso, a re mo godimo ga moo mongwe le mongwe o tshwanetse a itshekatsheka go bona gore seabe sa gagwe ke eng mo kagisong ya lefatshe leno.
Go ntse go le foo, Rre Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o ne a tlhatlhelela banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe, a re o bone go tshwanela gore a tsamaye a lekodisa batho ka ditirelo tse di neelwang ke maphata a a welana ka fa tlase ga lephata la gagwe le go bona gore a ditirelo tseo di goroga sentle kwa setshabeng.
O ne a gakolola banni ba metse eo, go kwadisa ka fa molaong loso longwe le longwe lo lo diragalang mo malatsing a le masome a mararo, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang le ene o tshwanetse a kwadisiwa le go direlwa setlankana mo malatsing a le masome a marataro.
Rre Batshu a re kwadiso eo, e botlhokwa thata ka e thusa puso mo go logeng ditogamaano tsa ditlhabololo tsa lefatshe di tshwana tsa thuto, botsogo le tse dingwe. Mo go tse dingwe, tona o tsweletse a kopa batsadi go direla bana ba bone ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro dikarata tsa Omang, ka Omang e le lone lotshwao le selotlolo sa botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe, a re Omang o tshwanetse a dirwa mo malatsing a le masome a mararo ngwana a sena go digela dingwaga tseo.
Tebang le kgang ya go kwadisiwa ga dikereke mo lefatsheng leno, tona o ne a tlhalosa fa palamente e feletse e tsaya tshwetso ya gore palo ya go kwadisa dikereke e nne 150, go na le 250 yo o neng a akantswe.BOPA
Banni ba Mapoka le Zwenshambe ba ne ba iteela tona Batshu legofi go bo a iphile matsapa a go ba etela, go tla go ba lekodisa ka tse di amang lephata la gagwe, mme ba kopa matona a mangwe gore le bone ba dire fela jalo.
E re ka jaana gotwe ngwana yo sa leleng o swela tharing, banni ba metse eo, ba ne ba lekodisa tona tebang le matshwenyego mangwe a ba nang le one mo metseng ya bone. E ne e rile fa a amogela baeng, kgosana ya motse wa Mapoka, Kgosi Basimane Chivukwane a lela ka borukuthi o bo goleng pele mo motseng wa bone, a re go na le thaelo ya mapodisi mo motseng, a re ba ba leng teng ba tshwere phage ka mangana go leka go lwantsha borukuthi mme sebe sa phiri e le go bo ba sa kgone go itepatepanya le seemo seo ka ba le bobotlana.
Kgosi Chivukwane o ne a bo a kopa gore diofisi tsa kgotla di tsengwe ditshipi tse di thibelang magodu, ka jaana di rwele dithoto le dipampiri tse di botlhokwa tsa puso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego
Date : 12 Apr 2015






