Ntshontshi o tshela ka masire
12 Apr 2015
E re ka mogologolo a rile phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Gauta Ntshontshi, wa Kalamare o inaakantse le kgwebo ya go roka masire gore a itshetse le ba lelwapa la gagwe.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Gouta Ntshontshi yo o dingwaga di masome a mararo le bofera bobedi, a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka 2005 morago ga go rekelwa letlapa ke mogolowe.
O boletse fa a ne a bona go le maleba gore a ye go ikoketsa dithuto mme a ya go ithutela mesego e mesha le go roka mo go tseneletseng kwa Barolong Vocational Training Centre ko Pitsane.
Go fetseng ga gagwe sekolo ka ngwaga wa 2012 mogolowe one amo rekela letlapa le le dirisang motlakase ebe ele gone a neng a simolola kgwebo ya gagwe ka tlhwaafalo a direla mo Mahalapye.
Mme Ntshontsi o thalositse fa a roka kapari yotlhe ya lenyalo eleng masire le mesese ya banyadi le diaparo tsa baemisi ba lenyalo. O thalositse fa a sa ikaega ka kapari ya lenyalo fela mme a roka mateisi le diaparo tsothe tse bareki ba ba tlang ka matsela ba di batlang.
O boletse fa a dirisa madi a a tswang mo kgwebong go jesa le go tsenya bana ba gagwe sekolo. E re ka kgwebo ya gagwe e le kgakala le marekisetso a Mahalapye o ne a tswa ka leano la gore a kopane le bareki ko marekisetsong gore a ba neele diaparo tsa bone tse a di rokileng gape a tseye matsela mogo bone gore a tle a ba rokele diaparo tse ba di batlang.
Mme Ntshontsi o ne gape a galaletsa lephata la botaki le ngwao ka gore le a tle le rulaganye ditshupo tse a tsayang karolo mo go tsone mme a kgone go kopana le bareki ba le bantsi mo ditshupong tseo go amogana dikitso.
Kgwetlho e tona e Mme Ntshontsi a kopanang le yone ke gore fa mariga a tsena kgwebo ey a ko tlase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 12 Apr 2015






