Breaking News

Kgosi Thobega o bolokilwe

12 Apr 2015

Matshwititshwiti a batho mo go bone go le tautona wa pele, Rre Festus Mogae, magosi le maloko a diphathi tsa sepolitiki, ba ne ba le mo gare ga morafe wa Bahurutshe go boloka Kgosi Letlole Thobega kwa Mmankgodi ka Matlhatso.

Kgosi Thobega o tlhokafetse Mopitlo a le masome mararo kwa kokelong ya Milpark kwa Africa Borwa a le dingwaga di masome a fera bobedi le borataro. Go bolelwa fa seemo sa botsogo se ne sa mo patika go tsena mo dikokelong tse di farologanyeng go simolola ka kgwedi ya Lwetse ngwaga o o fetileng go fitlha a ba a fudusediwa  kwa Africa Borwa.

Dibui mo go bone go le modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Puso, di kaile Kgosi Thobega e ne e le mogaka  yoo a neng a dira tiro ya gagwe ka boineelo e bile a le pelokgale le go dira a eteleditse pele dikeletso tsa morafe wa gagwe.

A re kgosi yo a kileng a nna leloko la ntlo ya dikgosi go tswa ka ngwaga wa 2007-2009 o nnile le seabe se se tona mo dikgannyeng tse di neng di itebagantse le paakanyo molao tsa temana ya 77, 78 le 79, a dira jalo ka neelano le mowa o o edileng  go fitlhelela tharabololo e bonala.  

O ne a leka go thusa thata ka go betla tsela fa go ne go buiwa ka go tlogela tiro ka bogodi ga magosi, ntlha e a neng a le kgatlhanong nayo ka a ne a dumela gore magosi a tlhodilwe ke modimo ka jalo go se ope yo anang le thata ya go fedisa boikarabelo jwa bone.

Kgosi Puso o kaile fa leso la ga Kgosi Thobega e le tatlhegelo e kgolo mo setshabeng ya lefatshe la Botswana ka jaana a ne a humile kitso e e neng e ka amuwa ke bontsi ka go ithuta bokao jwa se moeteledipele wa nnete a kaegang a le sone.

Moeteledipele wa makgotla a setswana a ditsheko tsa boikuelo Kgosi Mothibe Lentswe, o kopile Bahurutshe go sala motlhala o o nanag le bokao jwa ga kgosi mme ba bopagane le go tlhomamisa gore ledula le thokgamo di rena mo gare ga bone.

O gateletse ntlha ya gore a go tlhomiwa ga moja boswa jwa bogosi jwa Bahurutshe e nne mo go robaletsweng ke ditlhokwa, ka tsholofelo ya gore ba ikitse botoka ebile ba tlhaloganya se se ba siametseng, go hema tharabololo e e ka felelang e ba patika.  

Kgosi Mothibe Lentswe o kopile magosi go nna le bokao jwa ditiro tse di nang le bokao jo batho ba ka bo salang morago. Bokhutlo
     

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phitlho

Date : 12 Apr 2015