Monana wa Semitwe o thusa batlhoki
12 Apr 2015
Rre Vusi Phindela, monana go tswa kwa Semitwe, o tlhamile mokgatlho go thusa ba ba dikobo dikhutshwane
Rre Phindela o boletse mo potsolotsong fa kakanyo ya go tlhama mokgatlho e mo tletse ka ngwaga wa 2012 e le toro mme a gwetlhega thata morago ga gore a etele kwa kokelong go rapelela balwetse kwa a ileng a kopana le molwetse yo o tlhalositseng fa a sa bolo go lwala mme go sena ope le ba lelwapa la gagwe ba ba mo lekolang ebile a nna ka bodutu.
A re seo se ne sa mo rotloetsa gore a tlhame mokgatlho o o bidiwang Young Devoted Givers o a o simolotseng ka 2014 mme a laletsa banana a dirisa maranyane a facebook go nna karolo ya mokgatlho oo mme ba nna le bokopano ngwaga o o fetileng kgwedi ya Morule e ya fifing. A re banana ba ka nna masome a matlhano ba ne ba tseneletse bokopano joo.
O tlhalositse fa maikaelelo a mokgatlho e le go direla balwetse kwa dipatela le dikokelo go ba abela dijo, go ba rapelela, le go thusa bao ba ba kobo dikhutswane le go phepafaletsa ba tlhoka pono kwa malapeng a bone ga mmogo le go thusa batho ka tsela epe fela e ba ka kgonang go supa lorato mogo bone ka yone.
O boletse fa ba na le lenaneo le ba thusang bana bangwe ba ba tsenyang dingalo kwa dikoleng mme ba kobilwe kwa sekoleng ka jalo ba itlamile go ba tsaya go ba tlhatlhelela le go ba rotloetsa go fetola maitsholo gore fa ba setse ba boela kwa sekoleng ba bo ba itse ka dikgwetlho tsa botshelo le gore ba nne le tebelopele gore kwa ntle ga thuto ga go motlhofo go tshela sentle.
Rre Phindela o tlhalositse fa ba ikgobokanyetsa madi ka go tlhatswa dikoloi tsa batho, le go kopana le dikereke go ba thusa go kgobokanya madi, a re ba ntse ba bona dithuso tsa madi go tswa mo motlhokomeding wa dipatela tsa kgaolo ya Bokoni Botlhaba (health care manager North East).
O tlhalositse fa ba tlaa ikgolaganya le ba mekgatlho le kompone tse di ikemetseng ka nosi go bereka le tsone, a re mo nakong ya gompieno ga ba na dikago tse e leng tsa bone mme ba thusa batho mo dikgaolong tsotlhe ka go tsamaya mme ba santse ba batla fa ba ka direlang teng e le sennela ruri.
O boletse fa ba na le banana ba ba ithaopileng go tsamaya mo dikoleng ba ruta le go fa baithuti dikgakololo ka tsa botshelo le dithuto le go ba rotloetsa go tsaya thuto ya bone tsia.
O tsweletse a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o na le makalana a a farologaneng go leka go thusa banana a akaretsa poko, bodiragatsi jwa mmino le kopelo, mme tse le tsone di tlaa ba thusa go kgobokanya madi, a re mo nakong eno ba itsenya mo bathung ka go dirisa maranyane a Facebook.
Rre Phindela a re mo isagong e le ba mokgatlho wa Young Devoted Givers ba ikaelela go bereka le ba malwapa bogolo jang fa bana ba malwapa ao ba sena tsebe ba sa reetse batsadi ba bone, a re baya go nna le thulaganyo ya go isa batsadi le bana go ya go iphukisa phefo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : Tlokweng
Event : Potsolotso
Date : 12 Apr 2015






