Bogodu jwa ditonki bo keketse kwa Ramokgonami
12 Apr 2015
Kgosi Sefako Gaobuswe wa Ramokgonami a re o tshwentswe ke seemo se se golelang pele sa bogodu jwa ditonki.
Mo potsolosong bosheng, Kgosi Gaobuswe o tlhalositse fa seemo se, se ntse se le teng le mo dingwageng tse di fetileng mme mo ngwageng ono se bifile. A re bontsi jwa batho ba ba amegang mo bogodung jo, ke banana ba dingwaga tse di simololang ka lesome le borataro go ya ko godimo.
Kgosi Gaobuswe o tsweletse ka go kaya fa a utlwisiwa botlhoko thata ke gore bangwe ba banana ba ba amegang mo borukutlhing jo, e santse e le baithuti ba sekole se segolwane sa motse oo. O tlhalositse fa gantsi ditonki tse, di a bo di utswelwa go bolawa di bo di jewa nama.
O boletse gore mo melatong e mengwe ya borukutlhi jo, ba lemogile fa go na le tirisanyo fa gare ga banana ba metse ya Ramokgonami, Maape le Tumasera.
O tlhalositse gore ba Ramokgonami ba tlaa bo ba utswa ditonki mo motseng wa bone ba bo ba di fa ba Tumasera kana Maape mme bao le bone ba bo ba ba fa tse ba di utswileng mo metseng ya bone.
Kgosi a re se se ngomolang pelo, ke gore go lemosegile fa bangwe ba banana bao ba kgona go bolaela ditonki tseo mo matlhong a batsadi ba bone mme batsadi ba bo ba sa tsee kgato epe le ntswa ba itse gore bana ba bone ga ba na seruiwa sepe.
O tlhalositse fa katlholo ya borukuthi jo, e ka nna dingwaga tse tlhano mo kgolegelong kgotsa go feta. O kopile setshaba go ikgapha mo dithotong tse e seng tsa bone a bo a kopa le batsadi go tsenya bana mo tseleng ya tshiamo gore ba gole ba na le boikarabelo.
O lebogetse batsadi ba ba dirasanang le bone ka go ba begela ditiragalo tsa mofutla o. Go sale foo, Kgosi Gaobuswe a re ba simolotse go amogela dikgang tse dingwe tsa borukutlhi ja manweenwee a a amogang setshaba dithoto tsa bone mo maemelong a dipalamo a a kwa ntle ga motse.
A re bosheng jaana, mme mongwe o ne a tla go ba begela fa lekawana lengwe le ne la mo supa ka thipa mme morago la mo amoga beke e a ne a supa fa e ne e na le madi, mogala wa letheka, omang le bukana ya mesepele. O boletse fa selalome seo se ise se tshwarwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Ramokgonami
Event : Potsolotso
Date : 12 Apr 2015






