Breaking News

Kgotlafela o rotloetsa Batswana go ikemela ka dinao

12 Apr 2015

E re ka go sa sala sepe gore lefatshe leno le goroge kwa 2016, Batswana ba gwethilwe go ema ka dinao go tokafatsa matshelo a bone le gone go ipaakanyetsa moletlo wa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ipusa.

E rile a kgothatsa morafe wa Leshibitse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Tautona Lt  Gen. Seretse Khama Ian Khama ka Labone, Mme Charity Kgotlafela go tswa kwa khanseleng ya tebelopele ya setshaba, a iteela morafe wa motse oo legofi ka jaana ba eme ka dinao go tokafatsa matshelo a bone.

A re morafe oo ke sekao mo merafeng e mengwe ka ba setse matshego a tebelopele ya setshaba morago e bile ba a diragatsa. Mme Kgotlafela o ne a tlhalosa fa nako e tsile ya gore Batswana ba itshekatsheke gore ba tswa kae ebile ba  ya kae.

A re ba dule ka matshego a le supa a tebelopele ya setshaba a kaya fa a lemoga gore bontsi jwa Batswana ba tsweletse ka go  diragatsa matshego ao, se a tlhalosang fa e le selo se se botlhokwa thata.

Mme Kgotlafela a re ka ngwaga wa 2016 lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ga mmogo le yone tebelelopele ya setshaba e tlaa bo e tla bokhutlong, a tlatsa ka gore setshaba se tshwanetse sa tshwaragana go re maitlamo otlhe a diragadiwe.

O tsweletse a re go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe go itshekatsheka gore seabe sa gagwe ke eng mabapi le dikgang tseo ka bobedi. O ne gape a supa gore le puso ya lefatshe leno e gatetse pele mo go diragatseng matshego ao a kaya fa mo letshegong la setshaba se se kutlwelobotlhoko, se se ratang tshiamo se se tlhokomelang batho botlhe, puso e tsweletse e a diragatsa.

A re e setse e agetse bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo gore ba nne le seriti le bone, a supa gape gore le a mangwe fela jalo matshego puso e gatetse pele mo go one. Mme Kgotlafela o boletse gape a re Batswana ba tsweletse le ka go rotloetsa thuto ya lefatshe leno gore ka ngwaga wa 2016 ba fitlhelele letshego la bone la setshaba se se rutegileng, se na le kitso a fa sekai ka dikolo tsa bananyana tse di neng tsa simolodisiwa bosheng a re seo ke kgatelopele.

E ntse e le kwa phuthegong eo mopalamente wa kgaolo eo ya Mochudi Bophirima  Rre Gilbert Mangole o ne a tlhalosa fa go na le bagolo bangwe mo motseng ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 fa lefatshe leno le tsaya boipuso ba a kaileng ba ithaopile go nna le seabe sa go tlhabolola motse wa bone.


O tlhalositse fa seo e le mowa wa boipelego a tlatsa ka gore le bone ke bangwe ba Batswana ba ba gatetseng pele mo go nneng le seabe mo dikgannyeng tsa tebelopele ya setshana le go tla go ipelela dingwaga di le masome a matlhano lefatshe leno le ipusa. Rre Mangole o ne a kopa Tautona gore ba tla tla go kopa dithuso ko ofising ya gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Leshibitse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Apr 2015