Kgolo ya Morupule e ama masimo
12 Apr 2015
Balemi-barui ba masimo a a kwa Serowe botlhaba ba mo therisanong le puso, morago ga gore moalo o o dirilweng ke ba lekgotla la kabo ditsha o supe fa masimo a le 153 a ya go amiwa ke kgolo ya moepo wa magala wa Morupule.
E rile a ba rolela ka ditsamaiso mo phuthegong ka Labotlhano, mokwaledi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Palapye, Rre Boikago Maswabi, a tlhalosa fa ba tswa kgakala le ditherisano le balemi, jaanong sebaka se tsile sa gore ba amogiwe lefatshe la bone go sutela ditlhabololo.
Fa a rola pego ya gagwe Rre Maswabi o ne a tlhalosa fa Palapye a gola ka bofefo, mme ebile e le boremelelo jwa tse di tlhokegang jaaka motlakase, ka jalo, bone e le ba makgotla a mabotlana a kabo ditsha, a masimo a a amegang a leng mo ditsamaisong tsa bone jaaka e le Serowe, Palapye le Paje ba tsisitse morero ba romilwe ke puso.
Rre Maswabi o ne a re puso e ikaelela go atolosa phetlho ya mtlakase o go lebegang o tlaa tlhaela fa nako e entse e tsamaya, a supa fa moepo oo wa magala e le o o bulegileng (open cast mine).
A re go lemosegile fa seo se ya go oketsa phetlho ya motlakase o e ka nnang ya re kgabagare wa lekana lefatshe leno wa bo wa rekisediwa a a mabapi. Mme a rotloetsa setshaba se se yang go amega go lebelela ditlhabololo tse di tlaa solegelang dikokomane tsa lefatshe leno molemo mo isagong.
Fa a tswa la gagwe mogolwane wa tsa dithoto mo lekgotleng la kabo ditsha la Ngwato Rre Kewetse Maroku o ne a tlhalosa fa tiro eo ya go dira ditshekatsheko tsa go ka duela e ya go dirwa kgwedi ya Moranang e simologa gofitlhelela Seetebosigo mono ngwaga.
O ne a tlhalosa ka botlalo gore go ya go phimolwa beng ba masimo dikeledi, a re fa lefatshe le tsewa mo mothong o duelelwa ditshenyegelo e seng tshwanelo ya tiriso ya lefatshe, ka bontsi ja sebaka batho ba fiwa lefatshe ba sa le rekisediwa, ka jalo motho o a bo a tseetswe tshwanelo ya tiriso ya lefatshe ke gone ka moo a phimolong dikeledi gore a seka a sala e le mokupi kana mohumanegi.
O ne gape a supa fa ditsheka tsheko di dirwa ke bomankge ba ba rutetsweng tiro eo, mme go sa kganele motho go ka ithapela basekaseki fa a sa itumelele dikatso tsa phimolo dikeledi, mme a tlhalosa fa ba tshwanetse go itse pharologano ya ditlhwatlhwa tsa phimolo dikeledi le ya thekiso ya lefatshe.
A re gole gantsi ba farologana ka ditlhwatlhwa le ba ba ikemetseng ka nosi ka bone ba dira ka tlhwatlhwa ya thekiso, e seng ya phimolo dikeledi. Moitseanape wa tsa boranyane go tswa kwa Paje, Rre Otsilegape Esele ene o ne a re moalo o ya go simologa pele ka ba ba tlaa amegang, mme ere morago o nne o atologele kwa go ba ba supilweng fa le bone ba tlaa amega.
O ne a re morero o ya go tswelela go fitlhelela tiro eo e wela. Go solofelwa gore moepo oo o simolole go bereka ka 2018. Dipotso le dikakgelo di ne tsa botswa mme balemi-barui ba masimo a a yang go amega ao ba supa fa ba sa dumelane le gore ba duelwe ka ditlhwatlhwa tsa puso, tse bangwe ba neng ba re di siilwe ke nako, fa bangwe ba ne ba re dituelo di dirwe ke ba Debswana ka ke bone ba laolang moepo oo. Ba ne ba re dituelo tsa puso di kwa tlase fela thata.
Rre Letlhogonolo Bantsi o ne a re a go dirwa thulaganyo ya go ruta batho ka tiriso ya madi fa ba sena go a neelwa, fa Rre Raseboilai Kgamane le ba bangwe ba ne ba supa fa bone masimo a bone e le dikgwebo tse ba itshetsang ka tsone, mme ba batla go itse gore a ba tlaa batlelwa lefatshe go itshetsa.
Ba ne gape ba batla go itse kabelelo ya dituelo gore tsone di tsamaya jang, ka ba kabo ditsha e tlaa bo e se lantlha ba duelela go amoga batho lefatshe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 12 Apr 2015






