Leshibitse o na le bokgoni jwa temo
12 Apr 2015
Mafelo mangwe a dira sentle mo temo-thuong e bile di ntsha maduo a a nametsang go ka jesa lefatshe leno.
Le fa gontse jalo, gore katlego e nne teng, balemi le barui ba tshwanetse ba thusiwa ka ditlamelo tse di maleba gore ba kgone go ntsha maduo a a bonalang. Mo Kgatleng, motse wa Leshibitse ke mongwe ya metse e e dirang sentle mo temong.
E rile mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretsa Khama Ian Khama ka Labone kwa motseng oo, banni ba supa fa mmu wa bone o le monate mo temong mme ba kopa gore motse wa bone o nne boremelelo jwa temo.
E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Onkarabile Seloiso a ntsha matshwenyego a motse wa bone, a tlhalosa fa ba sa bolo go solofediwa tshimolodiso ya dithuso tsa temo (agric service centre) mo motseng wa bone mme nako kgolo ke eno.
Motshwarelela Tona wa Temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia, o ne a rurifaletsa banni ba Leshibitse fa a itse sentle gore ba na le tsholofelo ya lefelo la dithuso tsa temo.
Rre Ralotsia a re le fa go ntse jalo puso e ikaeletse go aga mafelo a dithuso tsa temo lefatshe ka bophara mme Leshibitse a le mo teng. A re ka jalo banni ba nne ka tsholofelo ya gore ba tlaa bona lefelo le fa le seyo mo ditlogamaanong tsa go e aga ngwaga ono.
Tona Ralotsia a re letlhoko la madi ke lone le nyafatsang go fefogela go aga ka bonako jo Batswana ba bo eletsang mme e tlaa re phelelong ba felele ba agile lefelo leo.
E rile mopalamente wa kgaolo eo Rre Gilbert Mangole a akgela mo kgannyeng eo, a gakolola tona wa temo-thuo gore go tsere sebaka se se leele gore lefelo leo le agiwe ntswa ba sa bolo go le solofediwa.
A re tiego e e kalo e diya ditlhabololo go tsena mo motseng wa bone le ntswa lefelo leo le ne le ka nnna mosola fela thata mo go tokafatseng matshelo a bone.
Rre Mangole a re Leshibitse o nna a ntsha thobo e e nonofileng bogolo jang fa dipula di nele sentle ngwaga e le o monamagadi mme a kopa gore lephata la temo-thuo le age lefelo leo ka bonako jo bo tlhokegang.
E re dikgang di eme jalo, Rre Mangole o lebogetse Tautona Khama go etela motse wa bone mme a supa fa Batswana mo Kgatleng ba ne ba nyoretswe go mmona le gore a utlwe dilelo tsa bone.
A re maeto a ga Tautona a mosola fela thata ka jaana a ikutlwela dilelo tsa Batswana ka bo ene mme a tsibogele go ba thusa ka potlako.
Rre Mangole a re bodiredi bo rata gonna bonya. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Leshibitse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Apr 2015






