Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa leso la monna
09 Apr 2015
Mapodisi a Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a marataro le borobabobedi wa kgotla ya Moiphisi kwa Letlhakeng a fitlhetsweng a tlhokafetse morago ga go ruthwa ka sengwe se se bogale mo tlhogong.
Mothusa mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Asistant Superintendent Daniel Katse o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse makuku a letsatsi la Sontaga.
A re monna yoo o ne a robetse le mosadi wa gagwe, yo go tlhalosiwang fa a kaile a ne a thantshiwa mo borokong ke go utlwa modumo wa sengwe, mme ya re go tsoga a fitlhela lebati la ntlo le butswe mme a tsoga go ya go le tswala.
Asp Katse a re mosadi wa moswi o tlhalositse fa e rile morago ga go tswala lebati a leka go tsosa monna wa gagwe mme a fitlhela a le mo gare ga madi.
Asp Katse o tlhalositse fa e rile go utlwa ka tiragao eo, ba ragogela kwa lefelong leo, mme ba fitlhela rre yoo a le mo mading mme go lebega a setse a tllhokafetse. A re le fa go ntse jalo ba ne ba mo ragosetsa kwa sepateleg sa Scottish Livingstone kwa Molepolole kwa go fetileng ga rurufadiwa fa a setse a tlhokafetse.
Asp Katse o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, mme ba ise ba bone mmelaelwa mo tiragalo eo.O tlhalositse fa tiragalo e ele ya ntlha ya polao mo ngwageng ono mo kgaolong ya bone ya sepodise.
Mo go tse dingwe, Asp Katse o tlhalositse fa kgaolo ya bone ene e iketlile ka malatsi a paseka kwa ntle fela ga diriragalo tse ditshesane tsa tsatsi le letsatsi.
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 09 Apr 2015






