Bapagami ba dibaesekele ba a tshwenya
09 Apr 2015
Mapodise a Ramotswa a re a tshwenngwa ke bapagami ba dibaesekele ba ba di kgweetsang bosigo, mme di sena dipone tsa dipekepeke.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodise a pharakano kwa Ramotswa Assistant Superintendent Agreipa Gambule, mo potsolotsong bosheng.
ASP Gambule o supile fa ba tshwere bagami ba dibaesekele ba le lesome, ba ba neng ba kgweetsa dibaesekele ka nako ya borataro maitseboa go ya kwa go ya borataro maphakela, di sena dipone, ditloloko le tsone dipekepeke, ka malatsi a paseka.
O boletse gape fa ba tshwere bakgweetsi ba le masome a marataro le borobabobedi, ba ba neng ba kgweetsa dikoloi ka lebelo le le feteletseng, fa ba le babedi ba tshwaretswe go kgweetsa ba iphetisitse dino.
ASP Gambule o supile gape fa ba tshwere batho ba le masome a mabedi le bobedi, ba ba neng ba kgweetsa ba sena diteseletso tsa go kgweeetsa, fa ba le babedi ba tshwaretswe go kgweetsa dikoloi tse di sa kgethelwang.
O tlhalositse fa ba le bararo ba tshwaretswe go tsamaya mo ditseleng tse e seng tsa bone, fa ba bangwe ba bararo ba tshwaretswe go palelwa ke go hemela mo taming, fa a le mongwe a tshwaretswe go letlelela batho ba ba senang teseletso ya go kgweetsa go kgweetsa.
ASP Gambule o supile fa go nnile le kotsi e potlana e le nngwefela ka malatsi a Paseka, a supa fa malatsi a a ne a iketlile.
O kopile beng ba dibaeskele go se di kgweetse bosigo di sena dipone tsa dipekepeke, a bo a bolela fa ba tla a tshwara ope fela yo ba tla a mmonang a dira jalo. BOPA
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ramotswa
Event : Potsolotso
Date : 09 Apr 2015






