Modulasetilo wa komiti o galaletsa puso
09 Apr 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Dzoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Keiphang Sechele o galaleditse puso go bo e tsweletse ka go gorosa ditlhabololo tse di ka thusang go tlhabolola seemo sa matshelo a banni ba motse.
Rre Sechele o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re le ntswa lefatshe le ise le inoge mo manokonokong a kwelo tlase ya itsholelo, puso e tsweletse ka go diragatsa maikaelelo a yone a go tlhabolola matshelo a Batswana lefatshe ka bophara.
A re diketekete tsa madi tse puso e di dirisang go gorosa ditlhabololo mo motseng wa Dzoroga ke sesupo sa gore puso e tsweletse ka go baya dikeletso tsa Batswana kwa pele.
Rre Sechele a re tlhabololo ya kgokelo ya motlakase e e sa tswang go goroga mo motseng kgwedi tse pedi tse di fitileng ke sengwe se banni ba se itumeletseng e bile ba se amogetse ka diatla tsoo pedi.
A re se ke kgatelopele e bile go itumedisitse ba le bantsi ka jaana letlhoko la motlakase e ntse e le selelo sa khuranyo ya meno gape go beile beng ba dikgwebo ka fa mosing. Rre Sechele a re sengwe gape se se itumedisang ka kgokelo e ya motlakase ke gore moikopedi o ka dira thulaganyo le ba koporase ya motlakase, a ntshe bontlha bongwe go ka gokelwa motlakase mme a a setseng a a duele ka iketlo.
Modulasetilo o bile a supa gape fa ba ba tsereng mananeo a akaretsa a nyeletso lehuma le a mangwe ka go farologana, le bone motlakase o tla ba direla tiro motlhofo ka jaana didirisiwa dingwe tsa one mananeo a di tlhokana le motlakase go ka dirisiwa.
Go sale foo, Rre Sechele o bile gape a supa fa mananeo a tseetswe kwa godimo ko motseng, a re bontsi jwa one bo dira sentle e bile le motlhala wa one o a bonala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Dzoroga
Event : Potsolotso
Date : 09 Apr 2015






