Makgotla a barui a lela ka matlhabelo
09 Apr 2015
Makgotla a barui kwa kgaolong ya Ghanzi ba re go tsaya lebaka gore ba duelwe morago ga go rekisetsa matlhabelo a Lobatse dikgomo.
Makgotla a ne a ntsha ngongora e mo phuthegong le motshwarelela tona wa temo thuo, Rre Patrick Ralotsia, kwa Ghanzi bosheng. Makgotla a a akaretsa a Okwa/ Gwana, Ovitore, Keledi le la Ghanzi Beef Production.
Makgotla a a boleletse tona fa matlhabelo a Lobatse a nna a ba solofetsa gore ba tla a bona madi morago ga malatsi a mararo, mme ga ga gona sepe se se diragalang ka gore fa baya kwa dibankeng go ya go batla madi a bone ba dibanka ba ba tlhalosetsa fa Matlhabelo a sa tsenya madi.
Makgotla ao a boleletse motshwarela tona fa bone ba rekisa dikgomo tsa bone ba lebeletse mathata a ba nang nao, mme jaanong matlhabelo a tsaya kgwedi kana dibeke tse pedi go ba duela go felela go tsenya barui mo mathateng a go batla dikoloto tse di sa tlhokafaleng.
Makgotla ao a boleletse Motshwarela Tona gore ke nako ya gore Matlhabelo a Lobatse ba ntshe tsetlana e e letelela BMC ele nosi go rekisa nama kwantle ka gore e paletswe ba supa gore fa o bona epalelwa ke go baduela mo sebake se ba dumalanyeng le barui gora ya gore ga ena mosola ka jalo batshwanetse go nnelwa tetla ya go rekisa dikgomo tsa bone kwa ntle ga Lefatshe leno.
Makgotla ba supile fa Matlhabelo a Lobatse a sena therisano le makgotla a barui ka fa ba tsena mo ditlhwatlhweng tsa dikgomo tse ba dibolayang le tse ba direkang ditshela.
Makgotla ao gape bane ba batla go tlhaloganya gore keng ditlhwatlhwa tsa dikgomo tse dinamagadi le tse ditonanyana di sa tshwane. Ba bua gape ka gore lephata la Temo Thuo ga le na therisano le bone mabapi le ditlhwatlhwa ga batla go rekela batho ba ba amilweng ke bolwetsi jwa makgwafu kwa dikgaolong tse di amegileng
Makgotla ao o boleletse Tona gore ka dinako tsa leuba LAC ya Ghanzi ga tlise dijo jaaka go tshwanetse ka jalo ba kopa gore LAC e tlise dijo tsa le leruo jaaka barui ba kopa.
Erile Dr Akolang Tombale araba dilelo tsa bone okopile makgotla go tshwaragana gore ba kgone go dirisana le bone sentle ka gore o lemogile fa Matlhabelo a na le mathata fa go tla mo thekisong ya nama ya bone kwa mafatsheng a tlhalosa fa Matlhabelo a Lobatse a kolota madi a fitang 800million pula ke sone se dirang gore ba tseye sebaka ba sa duele barui.
Erile Motshwrela Tona araba dilelo tsa bone a supa fa makgotla a barui a le botlhokwa ka go buelela barui le gore a ka tswa ka mathata kana dikgwetlo tse ba dibonang.
Rre Ralotsia o rotloeditse makgotla a barui go tshwaragana gore ba kgone go tlhopa lekgotla le letona mo Ghanzi le le tla kgonang go ba buelela le Puso fa gona le mathata mo Kgaolo ya bone jaaka bana le mathata le Matlhabelo a Lobatse .
Erile Mopalamente a leboga Rre Noah Salakae a re o lebogela Motshwarelela Tona go bo a kgonne go nna teng mo bokopaanong jwa makgotla a barui ba neng ba mo kopile gore a nne teng mo go jone.
A re o lebogela go bo Motshwarelela Tona a tsile le bagolwane ba matlhabelo a BMC, go tla go araba dipotso tsa Batswana. A re ga a itumedisiwe ke dikarabo tse di tlang ka ba BMC tsa gore ke eng ba sa duele Batswana ba ba rekisitseng dikgomo mo go bone ka nako.
A re bagolwane ba matlhabelo ba bega fa a dira dipoelo tse di nametsang mme ga ba duele barekisi ba dikgomo ka nako, a re ba tshwanetse go duela Batswana ka nako ka gore ba ikaegile ka dikgomo fela mme ba bangwe bakolota dibanka le mananeo a mangwe a puso a tshwana CEDA.
Rre Salakae o kopile bagolwane ba matlhabelo go begela Batswana dipego tse di nang le boleng le boamaruri gore ba itse se se diragalang mo mebarakeng ya theko ya nama le ka matlhabelo a BMC, o rotloeditse makgotla a barui go tshwaragana gore ba bue ka lentswe le le lengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Phuthego
Date : 09 Apr 2015






