Ba Gweta ba itumelela motlobo wa dibuka
08 Apr 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gweta Rre Ledule Baraki o supile fa tiriso ya motlobo wa dibuka mo motseng e nametsa.
Rre Baraki o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, mme a re go a itumedisa go bona banni bangwe ba motse, bogolo thata banana ba supa kgatlhego tebang le go dirisa motlobo wa dibuka ka tsela e e ba sologelang molemo.
A re le fa bangwe banana ba tsweletse ka go inaakanya le go amega mo ditirong tsa botlhoka tsebe di akaretsa go itshiela bojalwa le tse dingwe, bangwe bone ba tsweletse ka go dirisa motlobo go ikgapha.
Rre Baraki a re bangwe banana ba nna ba etela motlobo wa dibuka, mme ba supa fa o ba sologela molemo.A re ba tlhalosa fa ba oketsa kitso ya bone ka go bala dikuranta gape ba etla ba batla ditiro mo go tsone, e bile gape ba ithuta le gone go dirisa dikhomputara.
Go sa le foo, Rre Baraki a re motlobo o wa dibuka, sepatela, dikokelwana tse nne go ralala motse, tsela e e kgaphilweng e e ba kopanyang le metse e mengwe le tse dingwe ditlhabololo tse di tsweletseng ka go goroga mo motseng ba a di anaanela.
A re ditlhabololo tse di dira pharologanyo e e bonalang gape di fetotse tebego ya motse, a bo a tlatsa ka gore ditlhabololo tse di gorositse dingwe ditlamelo ka go farologana mo motseng, mme jaanong se se raya gore banni ba bona dingwe ditirelo gaufi le bone.
Mo go tse dingwe, Rre Baraki a re motse wa Gweta o santse o lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya metswedi e e ka tlhamelang banana ditiro tsa sennela ruri.
A re seemo se se felela se dira gore banana ba ikwadisetse go tsena lenaneo la Ipelegeng ka dipalo tse di ko godimo.
Rre Baraki a re le fa bontsi jwa banana ba supile kgatlhego tebang le go ikopela dithuso tsa madi a banana go itirela dikgwebo ka go farologana ka mabaka a go leka go itlhamela mebereko, se se amang ke gore ke palo e se kae fela e e atlegileng.
Modulasetilo o bile a supa fa bangwe ba tsaya lobaka go busetswa phetolo ka dikopo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GWETA
Event : Potsolotso
Date : 08 Apr 2015






