Mogokgo o kopa dikhamphani thuso
08 Apr 2015
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Samane, Mme Goitseone Setlhatloso, o kopile dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi go tsenya letsogo mo go tokafatseng seemo sa thuto mo lefatsheng leno.
O buile se bosheng jaaka kompone ya Sports Entertainment ene e abela sekole sa gagwe kapari ya tsa metshameko gammogo le dibuka tse di thusang barutabana go dira tiro ya bone.
Mme Setlhatloso a re puso ele nosi ga e kake ya kgona go tlisa ditlamelo tsotlhe mo dikoleng ka jalo go botlhokwa gore dikompone ka go farologana di nne le karolo mo go tokafatseng thuto.
A re dithuso tse dikompone di ka di ntshang di k aba thusa go tokafatsa maduo a bone a a supileng a wetse tlase mo dingwageng tse di fetileng. A re ere ntswa sekole sa Samane ekile y abo ele sekgantshwane mo kgaolwaneng ya bone, go tlhoka ditlamelo go ba buseditse ko morago fela thata.
O tsweletse a tlhalosa gore ere ntswa thuto ya malatsi a e ikaegile ka maranyane, bone ga ba kgone go akole seo ka jaana ba sena motlakase. A re sekole sa bone se na le dibalamakgolo mme ga di dirisiwe ka gore ga gona motlakase.
A re go tlhoka machine o o ntshifatsang dipampiri le gone go ama maduo a bone ka jaana ba tshwaragana le bothata fa ele nako ya go kwala ditlhatlhobo.
Erile a tswa la gagwe, mookamedi wa kompone ya Sports Entertainment Mme Nobantu Sebonego a re ere ka jaana metshameko ele karolo e e botlhokwa ya thuto, ba bone go tshwanela gore ba abele sekole seo kapari ya metshameko e e farologanyeng.
A re ba dumela gore metshameko ke karolo nngwe ya thuto ka jalo go tshwanela gore bokgoni jwa bana bo rotloediwe ba sale babotlana.
Mo godimo ga moo, Mme Sebonego are ere ntswa ba lemoga seabe sa maranyane mo thutong, ba abetse sekole sa Samane dibuka tse di thusang barutabana gore ba tswelele ka tiro ya bone ba ntse ba letile go tsenyediwa maranyane.
Kgosi Keaipha Tsholofelo a re Samane o kgakala le ditlamelo mme fa dikompone di ka tswelela di ba thusa go ka tokafatsa maduo le gone go kgothatsa le bone bodiredi jwa sekole. O akgoletse barutabana go tswelela ba tshwere ka natla le ntswa ba tlhaelelwa ke ditlamelo.
Kgosi Tsholofelo o kopile batsadi gore ba nne le seabe mo go godiseng le go ruta bana gore maduo a sekole a tle a tokafale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Kabo ya kapari ya metshameko
Date : 08 Apr 2015






