Mananeo a tokafatsa matshelo
08 Apr 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Tshwaane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Moalafi Sengawane a re mananeo a puso a a akaretsang Ipelegeng, Youth Development Fund, LIMID le a mangwe a fetotse matshelo le go boloka seriti sa bontsi jwa banni ba motse oo.
O supile fa mananeo ao a thusa thata banni ba motse segolo jang ka le bone go lebega ba nyoretswe go itlhotlhora lehuma. A re bontsi jwa banni ba motse oo ba ne ba tshelela mo lehumeng la nta ya tlhogo ka bangwe ba ne ba sena le fa ba latsang tlhogo mme go tlhangwa ga mananeo go bolokile seriti sa ba le bantsi.
A re botlhe ba ba neng ba tsibogela go ikopela le go tlhokomela dithuso tse ba di abetsweng ba kgona go itshetsa ntleng le go ikaega ka ope,mme a kaya fa maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a banni ba ba kgakala le ditlamelo a dule tema kwa Tshwaane.
A re borre, bomme le banana ba tshologela ka mmetela kwa diofising go ikopela mananeo a a farologanyeng a a itebagantseng le go tlhabolola matshelo a bone.A re o itumedisiwa segolo bogolo ke go bona banana ba supa maikarabelo ka go itebaganya le se se ka ba bolokang le go tsisa pharologanyo mo matshelong a bone.
A re go botlhokwa thata gore banana ba e le bone ba amilweng thata ke kgang ya letlhoko la ditiro ba eme ka dinao go ikopela madi a banana ka lenaneo la Youth Development Fund go itlhamela dikgwebo tse dipotlana tse di ka ba tlhamelang mebereko.
A re ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di kgoreletsang mananeo a a farologanyeng go dira sentle mme tema e bulegile mo go bangwe ba ba tshwereng ka thata go netefatsa gore mananeo a bone a a atlega,mme ka jalo a gwetlha ba ba santseng ba le maoto a tshupa go emela matshelo a bone ka dinao.
Modulasetilo o tsweletse ka go gakolola banni ba motse go tshwaragana le puso le go tswelela ba ikopela dithuso tsa mananeo a puso a kaya fa mowa wa boipelego o le mosola fela thata ka o kgona go tlhabolola le go nyeletsa lehuma mo setshabeng.
Le fa go ntse jalo, Rre Sengawane o ne a supa fa kgang ya tlhaelo ya metsi e tshwenya thata kwa motseng oo selo se a supang se kgoreletsa lenaneo la ditshingwana tsa mo digotlong go dira sentle.O kaile gape fa metsi a le letswai ka jalo a sa siamela dijwalo.
Modulasetilo o ne gape a supa fa ba tshwenyegile thata ka tlhaelo ya badirelapuso.A re mananeo mangwe a felela a phutlhama ka ntlha ya go tlhoka bogakolodi le kgotlhatso ka fa ba ka a tsamaisang ka teng ka ntlha ya tlhaelo ya bodiredi jwa puso mo motseng.
O ne gape a supa fa lenaneo la Ipelegeng le thusa bontsi jwa banni ba motse mme sebe sa phiri e le go salela morago mo go itireleng ditlhabololo tsa sennela ruri ka lone.A re ke gangwe le gape ba ikopela tsa kago ya matlo a badirelapuso ka lenaneo la Ipelegeng mme ba atlega fela mo go tsa go phephafatsa motse ntswa ba na le keletso ya go itirela ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Puisano
Date : 08 Apr 2015






